Kgosi o kgothatsa balemi
01 May 2024
Balemi kwa Werda ba kgothaditswe go tlhoafalela temo go tokafatsa matshelo a bone, go tlhama mebereko le go nna le seaba sa go direla lefatshe dijo.
Kgosi Bruce Khekhene wa Werda o ne a rotloetsa balemi fa a ne a lekola masimo le go rola mofuta o mosha wa terekere ya maotwana a mabedi kwa Werda la Mosupologo.
O rotloeditse balemi go inaakanya le mananeo jaaka la Temo Letlotlo, Thuo Letlotlo, Chema Chema le a mangwe.
A re balemi ba kope ditsha tsa masimo mme ba ba senang natso, ba adime mo go ba bangwe gore ba kgone go baya ditema fa letsema le simologa.
Kgosi Khekhene a re temo e botlhokwa ka e kgona go tsosolosa mowa go emana nokeng le kutlwelobotlhoko ka go abela ba bangwe.
O gwetlhile banana go inaakanya le temo a re ba ithute mo batsading ba bone gore ba kgone go tla ba tsweledisa fa ba tlogetseng teng, ka e bile mo nakong tsa gompieno botshelo bo le motlhofo ka maranyane.
Molemisi go tswa kwa Werda, Mme Silvia Podisi o tlhalositse fa moono wa letsatsi e ne e le go tla go itshekatsheka le go arogana maele e le balemi le go tla ka ditharabololo go tlhobolola temo.
O supile gape fa ofisi ya gagwe e dirisa letsatsi le, go tsibosa le go tlhalosetsa balemi ka lenaneo la Temo Letlotlo le a mangwe gammogo le go itsaya motlhala morago ga temo.
A re balemi ba rotloediwa go lema dijwalo tse di kgonang go itshegeletsa mo kgaolong e bile di sa tlhoke metsi a mantsi jaaka lablab, dinawa, marotse le magapu ka pula e le boutsana.
Mme Podisi a re bontsi jwa balemi monongwaga ga ba a kgona go lema ka pula e nele morago, mme seo se ba rontshitse go akola lenaneo la Temo Letlotlo mme a ba rotloetsa go iteka mo temong e e latelang.
O kaile fa maikaelelo a lephata la temo thuo le boeteledipele jwa motse ba ne ba eleditse go simolodisa letsatsi la letlhafula mme ba sa kgona ka pula e nele ka boutsana. A re ba tlaa leka mo ngwageng o o tlang.
Modiri go tswa kwa lephateng la temo thuo, Rre Emmanuel Molosiwa o tlhalositse fa terekere e e neng e rolwa, e tlaa dirisiwa mo boemong jwa digogi tse di neng di dirisiwa go le pele jaaka ditonki le dikgomo mme e tlaa thusa balemi ba le bantsi go lema.
Molemi yo tiro e neng e tshwaretswe kwa masimong a gagwe, Mme Marea Mogotsinyane o supile fa a itshetsa ka temo morago ga go e kgatlhegela ka ngwaga wa 2016 ka a ne a lemoga fa e ka fetola le go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
Mme Mogotsinyane o kgothaditse bomme go inaakanya le temo a bo a kopa lephata la temo thuo go thusa ka dipalamo ka di tlhaela mo kgaolong gore balemisi ba kgone go thusa balemi.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Ronald Estruhuizen o supile fa go goga dinao ga banana mo temong go tshwenya thata mo kgaolong.
O gwetlhile balemi barui ba kgaolo go tshwara ka thata le go inaakanya le thuo ya dihutshane gore ba kgone go rekisetsa matlhabelo a dihutshane a a solofetsweng go bulwa ngwaga ono ka ditlhatlhwa tse di botoka.
Mongwe wa balemi ba popota, Rre Jacob Matebesi o kgothaditse balemi go tsenya marapo dinameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : werda
Event : mofuta o mosha wa terekere
Date : 01 May 2024