Magosi a kanoka molao motheo
01 May 2024
Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Rre Kabo Morwaeng o roletse maloko a Ntlo Ya Dikgosi molao kakanyetso wa paakanyo ya molao motheo wa lefatshe leno e le lantlha.
Tona Morwaeng o dirile se ka Labobedi, go ba neela sebaka sa go kanoka le go buisana ka one pele ga o ka balwa labobedi kwa Palamenteng.
Maikaelelo a molao kakanyetso ke go baakanya molao motheo wa lefatshe leno go lebilwe go sireletsa ditshwanelo tsa batho, go tlotlomatsa le go tshegetsa molao gammogo le go somarela kagiso le ledula mo Botswana.
Phuthego e, ya Ntlo Ya Dikgosi e tla morago ga puso e sena go amogela mokwalo wa paakanyo ya molao motheo go tswa mo komiting e e neng e tlhomilwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go etelela pele tshekatsheko ya molao motheo.
Lekoko le, le ne la ralala dikgaolo tsotlhe tsa botlhopi tse di masome a mathano le bosupa, go rerisana le Batswana, makgotla a ikemetseng, gammogo le ditlhopha tse di faphegileng.
Mangwe magosi a ne a akgela mo dintlheng di le mmalwa tsa go seka seka molao motheo di akaretsa go sireletsa le go tlotla ditshwanelo tsa batho, maikarabelo a tautona wa pele mo go tsa sepolotiki ga mmogo le thulaganyo e e dirisiwang go tlhopa maloko a Ntlo Ya Dikgosi.
Kgosi Tawana Moreni II wa Batawana o supile botlhokwa jwa gore ditshwanelo tsa botlhe di tlotlwe a tlatsa ka gore o pe fela o tshwanetse a nne le ntlo bonno jo bo faphegileng go sa kgathalesege gore ke motlhoki kana jang.
Kgosi Tawana o ne a kopa puso go tsaya malebela kwa Aferika Borwa re puso ya koo, e agela batlhoki go nna le boroko ka lenaneo la RDP.
Kgosi Sibangani Mosojane wa Bokone Botlhaba e ne o kopile gore batho ba ba tlholegileng ba na le bong bo le bobedi ba akarediwe mo molao motheong wa ba-na-le-bogole.
Kgosi Mosojane a re batho ba go nna jalo, ba tlhoka go sirelediwa thata, le gone gore ba seka ba tlhaolwa mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : ntlo ya dikgosi
Date : 01 May 2024