Baithuti ba lebogelwa go agelela lehuti la matlakala
01 May 2024
Baithuti ba sekolo sa booki kwa Molepolole (IHS) ba akgoletswe go agelela lehuti la matlakala ka terata kwa Letlhakeng.
E rile a amogela baeng kwa kgotleng, Kgosi Rantsimane Banyatsi wa Letlhakeng, o ne a akgolela baithuti tiro e ntle e ba e dirileng, a supa fa bangwe ba kgona go tla mme ba tlogele go sena motlhala.
Kgosi Banyatsi o tlhalositse fa baithuti ba ba lekodisitse pele ga ba tsaya tshwetso ya go baakanya lefelo leo, a kaya fa se ele sesupo sa botho le boikarabelo.
Kgosi o tlhalosiste fa ba tlaa sala ba ba gopola ka tiro e ntle e ba e dirileng.
Mongwe wa baithuti, Mme Leticia Wankie, o tlhalositse fa ba gorogile mo motseng wa Letlhakeng kgwedi ya Moranang e le lesome le bone, mme ba tsile go nna sebaka sa dikgwedi tse pedi.
Mme Wankie a re fa ba goroga ba ne ba amogelesega sentle, ke ka moo go nnileng motlhofo go dira se ba neng ba se akantse.
O tlhalositse fa batsadi le ba maphata a puso ba ne ba ba lekodisa botsogo jwa motse, ba supa fa go na le letlhoko le lentsi la ditiro, tiriso ya nnotagi e e feteletseng le gone go senyega ga terata ya lehuti la matlakala.
Mme Wankie o kaile fa ba ne ba itlhophela go agelela lehuti la matlakala, mme ka kemo nokeng ya bogosi, mokhanselara le badiri ba botsogo, tiro e ne ya atlega.
E rile a fa malebogo, Mokhanselara wa Letlhakeng South, Rre Mothusi Ramogolane a tlhalosa fa ba tletswe ke baithuti ba ba pharologanyo.
A re ba itumeletse go agelelwa ga lehuti la matlakala, a supa fa se se raya gore leruo la bone le babalesegile.
O tlhalositse fa Setswana se se reng mabogo dinku a a thebana se bereka, a re fa tiro e patagenetswe e a kgonagala.
A re go agelelwa ga lehuti le go tla a netefatsa gore matlakala ga a latlhelwe kwa ntle ga lone.
Kgosi Ramohibidu Moselesele yo le ene a neng a bereka le baithuti o ne a ba lebogela go baakanya seemo se areng ba ne ba sa se lemoge. BOkhut
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : MOLETLO
Date : 01 May 2024