Breaking News

Letsatsi la Babereki le tlaa tshwarelwa kwa Tsabong

30 Apr 2024

Letsatsi la babereki le tlaa tshwarelwa kwa Tsabong

Bahiri le babereki ba kgothaditswe go tsibogela letsatsi la babereki le le tla tshwarwang kwa Tsabong ka Laboraro, Motsheganong ale gangwe.

Mokwaledi wa lekgotla la mekgatlho ee ikopantseng ya babereki la Botswana Federation of Trade Unions (BFTU), Rre Mpho Keatshaba a re letsatsi le, le ipelelwa ngwaga le ngwaga ke babereki mo mafelong a a farologanyeng.

O tlhalositse gore ntswa le fa go le jalo, monongwaga metseletsele ya ditiragalo kgolo e tla a tshwarelwa kwa mabaleng a sekole se se potlana sa Tsabong, go simolola ka nako ya borataro mo mosong.

Tona wa lephata la pereko le selegae, Mme Annah Mokgethi o solofetswe go nna le seabe mo ditiragalong tsa letsatsi, a patilwe ke mothusa mokwaledi wa lephata leo, Mme Boineelo Lobelo.

Rre Keatshaba a re ba rulagantse letsatsi le, ba golaganye le mohama o mongwe wa mekgatho ya babereki e e ikopantseng e leng Botswana Federation of Public, Private and Parastatal Sector Unions (BOFEPUSU).

Letsatsi le tla a ipelelwa ka setlhogo se se reng: Decent Jobs for Just Transition, e le go supa fa mmereki a tshwanetse go berekela mo lefelong le le mo siametseng a bona dikatso tse di mo tshwanetseng, di tsamaelana le seemo sa tiro ya gagwe gore a kgone go tswelela pele. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 30 Apr 2024