Breaking News

Ba Kereke ya Head Mountain ba rotloetsa baithuti

29 Apr 2024

Kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion e abetse baithuti ba basetsana ba Chobe Junior Secondary School mesangwana ya bomme e le 169, ditilo di le 20, melora e e tlhatswang e le 11, melora e e tlhapang meno e le 47 le di roll on di le 30.

Fa ba abela baithuti kwa Kasane ka Tshipi, Mothusa Modulasetilo wa kereke kwa kgaolong ya Bokone, Rre Chenesani Ketlhokile o tlhalositse fa maloko a kereke kwa kgaolong ya gagwe ba ne ba kokoanya P5 700.

A re se, se tla morago ga gore ba lemoge fa ngwana wa mosetsana a tlhoka ditlamelo tse di haphegileng fa a ntse a gola.

A re kereke e itlamile go thusa ba ba tlhokang, jaaka fa ba kile ba thusa bagodi.

Rre Ketlhokile a re go abela ngwana wa sekole ke go beeletsa mo thutong ka go thiba phatlha ya letlhoko e e ka itsang gore moithuti a nne tlhaga mo tirong ya sekole.

Fa a amogela dimpho, mogokgo wa sekole, Rre David Nfila o tlhalositse fa mokgatlho wa Sekeresete mo dikoleng wa Scripture Union o agile baithuti ka bontsi mme a rotloetsa gore dikole di o tsosolose.

 A re moithuti wa paka e, o tlhoka Modimo thata ka go bo dikgwetlho tsa metlha eno di golela godimo jaaka baithuti ba nwa majalwa, bangwe ba dirisa diritibatsi.

Rre Nfila o kaile fa botlhoka tsebe bo ile magoletsa mo dikoleng le kwa malwapeng mo bana ba lwantshang barutabana le batsadi ba bone.

A re o dumela fa kereke e le yone karabo ya dikgwetlho tse, ka jalo a itumelela go bo kereke ya Head Mountain e tshwaretse modiro wa tsosoloso kwa sekoleng sa Chobe. O ne a lebogela dimpho tse kereke e di abetseng sekole a re se se tla fa ngwana wa mosetsana seriti le go ba kgothatsa go ithuta ka natla.

Rre Nfila o tshepisitse gore sekole sa Chobe se tlaa dira ka natla go ntsha maduo a a kgatlhisang ka ba ntse ba sa dire sentle mo dingwageng tse di fetileng.

Archbishop Norman Muzonda wa Head Mountain o tlhalositse fa ba tsisitswe mo Kasane ke lorato ka go bo kgaolo ya Bokone e simolola kwa Tonota go ya Bokone Botlhaba, Gweta go ema kwa Parakarungu.

A re lenaneo la tlhomo ntsha la ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi le gwetlha botlhe go fetola maikutlo le dikakanyo ka se, se ka thusa go aga setshaba.

O tlhalositse fa kereke e le karolo e e botlhokwa mo setshabeng ka e aga motho e bile e mo rapelele go fenya dikgwetlho.  Ka jalo, a re kereke e e tshwanetse go supa lorato ka go neela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : KASANE

Event : Kabo dimpho

Date : 29 Apr 2024