Breaking News

Setlhopha sa masole se abela bagodi

29 Apr 2024

Setlhopha sa badiri ba sesole sa Botswana, ba ba tlholegang kwa Gumare ba abetse bagodi ba ba tsayang ditirelo kwa posong ya motse oo, ditilo di ka tshwara lekgolo.

Mogolwane wa ofisi ya bagodi kwa Gumare yo o neng a bua mo boemong jwa ofisi ya ga molaodi, Mme Tshegofatso Sejeso o lebogile setlhopha seo, a re se ba se dirileng se tsamaelana le pilara ya Vision 2036, gore go se nne le ope yo o salelang morago mo setshabeng. O kaile fa go le molemo go bo ba busetsa mo setshabeng ka go thusa kwa ba tlholegang teng.

O gwethile banni ba bangwe ba Gumare go thusa fa go nang le letlhoko teng kwa kgaolong.

Mme Sejeso o gakolotse bagodi gore ba ka tsaya madi a bone kwa posong letsatsi lengwe le lengwe, go itsa mosuke.

Mogolwane wa diposo mo Kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre David Bodutu ene o akgotse setlhopha go bo ba nnile le tebelopele ya go thusa bagodi ba ba fiwang ditirelo kwa posong a re seo, se a itumedisa.

A re poso ya Gumare e thusa batho ba le bantsi go tswa kwa mafelong a a farologaneng, ka jalo mpho e, e tlaa ba tswa mosola.

Moemedi wa setlhopa, Sergeant Masasa Motlamedi o kaile fa maiteko e le go supa bopelotlhomogi.

A re setlhopha se na le badiri ba le masome a mararo le bosupa ba ba tswang s Gumare, mme ba ne ba ithaopa go reka ditilo tse tharo mongwe le mongwe, go nna masome a boferabongwe le borataro.

Kgosi Kelebeletse Shuma wa Gumare le ene o lebogile setlhopha go abela bagodi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : KABO DIMPHO

Date : 29 Apr 2024