Breaking News

Mopalamente o rotloetsa tshwaragano

29 Apr 2024

Mopalamente wa kgaolo ya Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo o gakolotse maloko a mokgatlho wa bomme wa Botswana Democratic (BDP) wa kgaolo ya gagwe go tshwaragana thata bogolo jang ka nako ee gorogileng ya ditlhopho. 

Rre Letsholo o buile jalo fa a buisa maloko a mokgatlho oo bosheng, kwa ba neng ba kopane go sela matlakala mo motseng wa Lotlhakane East. 

O ba kgotlhaditse go tsaya sebaka se, go aga mowa wa bojammogo jaaka phathi e ipaakanyetsa go phadisanya le tse dingwe ka nako ya ditlhopho. 

Are fa ba ka tswelela ba tshwaragane, BDP e ka kgona go fenya ditlhopho tse di tlang. 

“Batswana ba re file tshepho e kgolo ya go tsamaisa lefhatshe, mme e bile ba santse ba re tshepha, ka jalo re tshwanetse go lwa ka sengwe le sengwe se se kafa molaong le kafa tsamaisong go tswelela re busa lefatshe leno,” a supa jalo. 

Rre Letsholo o ile a supa fa tiro ya bone ya go phepafatsa e tla a fokotsa seemo sa leswe mo motseng.

O supile fa Bangwaketse ba itsewe ka bophepa, a tlhalosa fa seemo se, se ile kwa tlase thata mo kgaolong yotlhe ka bophara. Are ka ntlha ya se, mohumagadi wa ga Kgosi kgolo ya Bangwaketse, a dirisana le bogogi jwa puso ba boloditse letsholo la go phepafatsa mo ga Ngwaketse. 

Rre Letsholo are ke ka moo, ba boneng gole maleba gore le bone  ba tseye kgato ka go leka go phepafatsa. 

“Khansele le yone e eme ka dinao ebile ba eteletse pele ba tshwaragane le makalana a mangwe go phepafatsa tikologo,” a kaya jalo. 

Are go botlhokwa gore go nne le thuto ee tseneletseng go ruta Batswana ka kakaretso ka botlhokwa jwa tshomarelo tikologo. 

Fa a bua ka ditlhabololo tsa kgaolo, Rre Letsholo o supile fa Bangwaketse ba tswa kgakala ba batla sepatela, lebala le legolo la metshameko, le sekole se se potlana kwa Losabanyane a supa fa tse tsotlhe di simolotse go dirwa. 

O ne a tlatsa ka gore puso e ntshitse madi aa kanang ka P20.82 million go itebaganya le ditlhabololo. 

Fa a ntsha la gagwe, Modulasetilo wa komiti ya kgaolo ya bo mme, Mme Lesego Ponatshego o supile fa keletso ya bone ele go godisa mokgatlho le go bona o thusa, e bile o tsaya karolo mo ditirong tsa morafhe. 

A re komiti e santse ele ntsha ka e satswa go tlhophiwa bosheng, a tlatsa ka gore maitlamo a bone ke go bona bo mme ba tsaya karolo le maemo a a leng teng mo polotiking. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : PHEPAFATSO TIKOLOGO

Date : 29 Apr 2024