Breaking News

Bodiredi bo phepafatsa motse wa Ditshegwane

29 Apr 2024

Lephata la Enviromental Health kwa kgaolong ya Letlhakeng le tsweletse ka go phepafatsa kgaolo Labotlhano mongwe le mongwe.

E rile a amogela baeng kwa tirong e e neng e tshwaretswe kwa Ditshegwane ka Labotlhano, Kgosi Selelo Kelebang wa kgotla ya Badutlwe a supa fa a itumeletse go bo ba tsile go phepafatsa motse wa bone. 

Kgosi Kelebang a re bophepa le mo Baebeleng bo kwadilwe, a bo a tlatsa ka gore motse o tshwanetse go bonala o le phepa.

Monni wa Ditshegwane e bile e le mme yo o tlotlang bophepa, Mme Nkeletsang Motshabatau o supile fa Ditshegwane a ikgantsha ka bophepa, e bile go tswa kgakala ba rata motse o o phepa. 

Mme Motshabatau o kaile fa matlakala a le diphatsa mo botsogong jwa batho, ka jalo a kopa mongwe le mongwe go fapha fa a leng teng. 

A re fa tikologo ele leswe, bana ba teng ba tshabelelwa ke bolwetse jwa letlhatso le letshololo. Mokhanselara wa kgaolo ya Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgotlhang a re Ditshegwane o ka tsaya sekgele fa go ka dirwa dikgaisano tsa go phepafatsa metse. 

O tlhalositse fa banni ba rata bophepa, e bile ke sone se e reng fa go buiwa ka go phepafatsa motse ba bo ba tla ka dipalo tse dintsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : DITSHEGWANA

Event : PHEPAFATSO TIKOLOGO

Date : 29 Apr 2024