Breaking News

Khawa Dune Challenge e tsisa ditlhabololo

29 Apr 2024

Metseletsele ya metshameko ya Khawa Dune Challenge and Cultural Festival e e tshwarwang ngwaga le ngwaga go ngoka bajanala kwa Khawa mo kgaolong ya Tsabong e tsisitse ditlhabololo tsa sennela ruri mo motseng oo.

Mo potsolotsong, Kgosi Piet Manyoro wa Khawa o supile fa ba ipaakanyeditse moletlo oo, o o tla a tswarwang kgwedi ya Motsheganong a le malatsi a le mararo ka Labotlhano go fitlha  ka Matlhatso (May 3-4).

A re motse o, o segofaditswe ka bontle jwa dithota tsa motlhaba le diphologolo tsa naga tse di o  dirang go nna lengwe la mafelo a themelelo ya ditiro tsa bojanala. 

“Bontsi jwa ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng ono di tsile ka mabaka a Khawa dune challenge,” a tlhalosa, e bile a supa jalo polase ya morafhe ya dihutshane ya Swakara e e thapileng banana. 

A re polase eo,  e mo diatleng tsa Khawa Kopanelo Development Trust e bile ke nngwe ya dikai tsa maduo a mantle a moletlo oo, a go tsosolosa serodumo sa itsholelo.

O tlhalositse fa banana ba tlhapilwe go tlhokomela dihutshane mme seo se thusa fela thata go fokotsa letlhoko la ditiro mo motseng. 

Godimo ga moo, Kgosi o kaile fa dipoelo tse Trust e di bonang morago ga Khawa Dune Challenge and Cultural Festival di thusa go tsamaisa ditlhabololo mo motseng oo. 

Kgosi a re go agwa ga kgoro ntlheng ya Khawa go tsena mo lefelong la tsomarelo diphologolo la Kgalagadi Transfrontier Park go tla a rotloetsa kgolo ya bojanala fela thata.  Bajanala ba ntse ba tsamaya sekgala se se leele ba ya Two Rivers gore ba kgone go tsena mo lefelong leo la diphologolo.

Kgosi Manyoro a re ba itemogetse kgolo e e tlang le moletlo wa Khawa dune challenge ngwaga le ngwaga. 

O supile jalo gore e ne ya re ka ngwaga wa 2019 Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a solofetsa morafhe wa Khawa go ba agela tsela ya ditena e e yang kwa kgotleng le go ba tsenyetsa dipone le go lema ditlhare (date palms) go tlhabolola polase ya dihutshane ya Swakara.

A re ditlhabololo tseo, ke nngwe ya tse di tsweletseng mme a supa fa morafe o setse o akola tiriso ya kago ya marekisetso a a haphegileng a dijo.

O ne a leboga Tautona Dr Masisi go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe mo motseng oo.

A re metseletsele ya metshameko e e farologanyeng, e fa badiragatsi sebaka sa go akola dipoelo le gone go godisa talente. 

O supile jalo gore morafhe wa Khawa o segetswe fa lefureng mo go abiweng ga mafelo a boapeelo ka ba neelwa dipalo tse dintsi ka nako ya Khawa dune challenge. 

O ne a rotloetsa bajanala go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe go kgweetsa ka kelotlhoko go itsa dikotsi fa ba leba kwa Khawa

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa Khawa Kopanelo Development Trust Mme Elsie Velskoen a re ba setse ba tswa go tsoma dikukama tse pedi tse ba ikaelelang go di rekisa kwa moletlong o o simololang mo matsing a se kae.

Fa a ama ntlha ya maroko, a re ba Botswana Tourism Organisation (BTO) ba ba abetse ditante di le lesome tse bangwe ba bajanala ba ba tlang go tsaya karolo ba setseng ba di dueletse tsotlhe

A re dipaakanyo kwa marokong a ‘Do It Yourself (D.I.Y campsite)’ kwa bajanala ba itlhomelang tante teng di tsweletse. 

O supile jalo gore ba United Nations Development Programme le bone ba otlolotse letsogo ka ba solofetse gore ba ba agele maapeelo a a tlhabologileng le go oketsa matlwana a boitiketso.

Are tlhabololo ya lefelo le, e tla a ba tsiseta dipoelo tse di rileng, a tlatsa ka gore mo tsamaong ya nako ditlhabololo tseo di tlaa ba baya mo maemong a mantle gore le bone ba ipapatse mo maranyaneng ba ntshitse phega.

 Mme Velskoen a re keletso ya bone, ke gore motse oo, o kgone go nna le moletlo  e mengwe e ka yone ba ka ngokelang bajanala teng go godisa itsholelo ya motse.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : KHAWA

Event : POTSOLOSO

Date : 29 Apr 2024