Breaking News

Mapodisi Letlhakeng a tlhotlhomisa leso

28 Apr 2024

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse masome a mane le borobabongwe a fithetsweng a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe ka Laboraro mo mosong. 

Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa o tlhalositse fa mme yoo, yo o tlholegang kwa Palapye e ne e le modiri mo Khanseleng ya Letlhakeng e le mmaboipelego. 

Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa o tlhalositse fa badiri le moswi ba ne ba begela mapodise morago ga gore a seka a iponagatsa kwa tirong. 

A re ba ne ba leletsa megala ya gagwe e bile ba ne ba ya go mo tlhola kwa lwapeng, mme ba fitlhetse ntlo ya gagwe e lotletswe.

Rre Molwanta are mapodisi a ne a roba lebati, mme a fitlhela a le mo kamoreng ya borobalo e e sa dirisiweng, a khurumeditswe ka kobo, e bile a a setse a tlhokafetse.

Mapodosi a belaela fa mme yoo a ka tswa a bolailwe. 

O supile fa moswi a beilwe kwa setsidifatsing sa Scottish Livingstone Hospital kwa Molepolole kwa a emetseng go tlhatlhojwa ke ba bongaka go tlhomamisa se se bakileng leso la gagwe. 

Ass Supt Molwantwa o tlhalosistse fa ba lesika ba setse ba itsisitswe mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 28 Apr 2024