Breaking News

Banni ba atla lenaneo la Thuo Letlotlo

28 Apr 2024

Banni ba Serowe le metse e e mabapi ba atlile lenaneo la Thuo Letlotlo. 

Lenaneo la Thuo Letlotlo le maikalelo a lone e leng go tokafatsa mhama wa thuo le simolodisitswe semmuso ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa Serowe bosheng. 

Banni ba supile fa ba itumeletse lenaneo la Thuo Letlotlo, ka tumelo ya gore fela jaaka mananeo a mangwe a puso le tlaa nowa moro ba lebile dikeletso le letlhoko la bone. 

Fa a bua kwa letsatsing la go simolodisa lenaneo la Thuo Letlotlo, Tona wa Temo Thuo, Rre Fidelis Molao a re thuo ka kakaretso e tswa kgakala e le seikokotlelo sa Batswana. 

Rre Molao a re mhama wa thuo o ama matshelo a Batswana botlhe ka kakaretso.

A re thuo e tswa kgakala e le nngwe ya matshego a itsholelo a tlatsa ka gore lefatshe la Botswana le itsege kwa mafatsheng a mangwe ntateng ya gore le rekisa nama. 

Rre Molao a re ntswa thuo mo nakong ya gompieno e wetse tlase fa e bapisiwa le mhama e mengwe ya itsholelo jaaka ditswammung, boamaruri ke gore ke yone seikokotlelo sa Motswana. 

Ka jalo, a re ke sone se puso ka thulaganyo ya lephata la temo thuo e ne ya tsaya tshwetso ya gore go simolodisiwe lenaneo la Thuo Letlotlo, maikaelelo e le go rotlotetsa Batswana go nonotsha mhama wa thuo. 

A re Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng go sa kgathelesege gore o kae, o na le tshwanelo ya go dirisa lenaneo le go tlhabolola ka fa a ruang ka teng. 

A re lenaneo la Thuo Letlotlo le tlaa  tsholetsa serodumo sa thuo ya Batswana mme ba tshwanetse ba kgothale, ba lebe thuo e le kgwebo. A re lenaneo la Thuo Letlotlo ke magoboka ka jalo gago ope yo o tlaa salelang kwa morago. A re le bopilwe gore le tsamaelane le maikaelelo a go aga itsholelo e tsweletseng ka ngwaga wa 2036. 

Mothusa Tona wa Lephata la Temo Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi o lebogetse Tautona  Masisi go nna le tebelopele ka mananeo a a sologelang Batswana mosola e bile a ka fetola matshelo a bone. 

Rre Molebatsi a re Batswana ba lesego gore e bo ba na le tautona yo o nang le ponelopele le lerato go itse se Motswana a se tlhokang. 

Ka jalo a re go botlhokwa go bona Tautona Masisi a dira ka diatla go rotloetsa Batswana go nna le seabe le go godisa mhama wa thuo jaaka a tsweletse ka lananeo la go abela barui dipoo, diphoko le diphelefu. 

Rre Molebatsi a re Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo ke mananeo a a tswang mo boeteledipeleng jwa lefatshe leno, jo bo nang le lenyora la go fetola matshelo a Batswana. 

A re lenaneo la Thuo Letlotlo le rotloetsa Batswana gore ba jese malwapa a bone le lefatshe ka bophara. 

Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe a re mo dingwageng tse di fetileng motse wa Serowe o ne o eme ka dinao mo go ntsheng dijo jaaka go ne go na le kwa mashi a dikgomo a bonwang teng mme seo se nyeletse. 

Ka jalo a re go simolodisiwa ga lenaneo la Thuo Letlotlo ke tsosoloso ya dilo tse di neng tsa nyelela. 

Le fa go ntse jalo a re mogopolo wa gagwe wa gore puso e tsosolose madirelo a dikgomo tse di gamiwang la Milk processing plant mo Serowe a tsosoloswe o ne wa atlega ka puso e ntshitse madi a dipaAkanyo tsa lefelo le. 

Rre Mathoothe a re Batswana ba dumela mo go rueng mme fa Tautona Dr Masisi a bua ka thuo o a ba kgomile itumedisa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Tshimolodiso ya Thuo Letlotlo

Date : 28 Apr 2024