Tona o akgola sekole sa IHS
28 Apr 2024
Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabolo Dikitso, Rre Aubrey Lesaso o akgotse bodiredi jwa sekole se se rutelang booki sa Institute of Health Sciences (IHS) kwa Serowe go bereka ka botswapelo le mororo ba tlhaelelwa ke ditsompelo le madi.
Rre Lesaso yo o neng a na le mothusa tona yo mongwe wa lephata leo Mme Nnaniki Makwinja o buile se jaaka fa ba ne ba etetse ba sekole seo ka Labotlhano go ba lekola, go itse dikgwetlho le go bona ditirelo tsa bone.
O boletse fa gona le dikgwetlho kwa sekoleng seo tsa go dutla ga metsi, kgaogo ya motlakase le maranyane le go batla go shafadiwa ga dikago.
Rre Lesaso o tlhalositse fa sekole seo se alosa baoki ba ba batlegang thata mo dikokelong mo dikgaolong tsotlhe.
A re maikaelelo a puso ke go ba alosa baoki ba le bantsi go lwantsha tlhaelo ya baoki.
Mothusa Tona o ne a solofetsa gore ba tlaa leka go bona gore matshwenyeogo a a ba aparetseng a tsibogelwa gore ba tswelele ba dira ka natla.
O tlhalositse fa bodiredi bo tshwanetse go direla fa lefelong le le siameng go dira ditiro tsa bone go sena makgore ape.
Le fa gontse jalo, moemedi wa badirelapuso kwa sekoleng seo, Rre Mompati Lebani, o boletse fa sekole seo se tlhaelelwa ke bodiredi.
Rre Lebani a re matshwenyego a mangwe ke tlhaelo ya matlo a borutelo ka go nna mosuke, selo se a tlhalositseng fa se kgoba barutuntshi le baithuti marapo.
O supile gape gore go na le tlhaelo ya badisa dikago, a tlhalosa fa ba ba leng teng ba imelwa ke tiro.
A re badisadikago ba tlhaelela kgakala ka gore ba batlhano fela.
A re bosigo go theogela ba le babedi mo dikagong tse ditona tona mme e bile gape bosigo motlakase wa kgaoga ba sale mo lefifing.
O tlhalositse gape fa sekole sa bone se tsenwa ke bagolo ba ba setseng ba na le boikarabelo mo matshelong mme ba kopa gore banne le lefelo le le faphegileng la tshidilo maikutlo.
O supile fa a tshwenngwa ke maemo a nnang a tshwareletswe a a fa sekai ka mothusa mogokgo le ba ba dirang tiro ya dibuka tsa sekole (admin officers) le batshwaramadi.
E ne erile go le pele fa a amogela baeng motshwarelela mogokgo wa sekole, Mme Tiny Motlhabane a bolela fa ba itumetse thata gore boeteledipele jwa lephata bo ba etetse, a supa fa go ba tiisa moko.
Fa a iteela kobo moroko ka matshwenyego a mo sekoleng o supile fa tlhaelo ya bodiredi, go dutla ga metsi, go kgaoga ga maranyane kgapetsakgapetsa go kgoreletsa baithuti, makgasa a dikago le mabala a metshameko a a sa itumediseng e le diemo tse di tlhokanang le go tsibogelwa go tokafatsa maduo mo sekoleng.
Motshwarelela mogokgo o akgotse badiri ka ene a bolela le fa ba raletse dikgwetlho tseo ba dira fela ka natla go ntsha maduo.
Mme Motlhabane o kaile fa sekole se dira bontle ka go alosa baoki ba tlhwatlhwa ba ba fenyang ditlhatlhoboka matswao a a kwa godimo.
A re ngogola ba fentse ka 87.5 per cent ka fa mhamemg wa thuto ya baoki.
Mothusa tona o ne a abela sekole seo dikoloi tse pedi gore di ba thuse mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : LOETO
Date : 28 Apr 2024