Seemo sa ditsela ga se jese diwelang - Molale
28 Apr 2024
Lephata la ditsela le kopilwe go ikitaya ka thupana go dira thulaganyo ya go rema ditlhare mo ditseleng go thusa go hema dikotsi.
Tona wa lephata la Dipalamo le Ditirelo tsa Setshaba, Rre Eric Molale a re ditlhare tse di mo thoko ga tsela di ka kgoreletsa pono ya mokgweetsi, selo se areng se ka dira gore a palelwe ke go tila kotsi.
O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Salajwe bosheng.
Rre Molale o supile fa seemo sa ditsela dingwe se sa jese diwelang ka di setse di fetogile dikgwa, a a fa sekai ka tsela ya Letlhakeng-Takatokwane.
Seemo se, a re se baya badirisi ba ditsela mo diphatseng ntswa go na le ba ba filweng boikarabelo jwa go di tlhokomela e bile ba filwe le madi a go dira jalo.
A re lephata le sa le le laetswe gore go dirisiwe lenaneo la Ipelegeng go thapa batho ba ditsela tse di fetang mo metseng ya bone, go remaa ditlhare.
Lenaneo leo la go rema ditlhare, a re ga le a tshwanela go amiwa ke dipalo tsa Ipelegeng ka babereki ba lone ba duelwa ka madi a a tswang mo lephateng la dipalamo le ditirelo tsa setshaba.
Tona Molale o kgadile mokgwa wa go utswa diterata le diheke tse tse di sireletsang badirisi ba tsela mo leruong le mo diphologolong.
A re ke maikarabelo a mongwe le mongwe go tlhokomela diterata tseo ka e le tlhabololo tsa puso, a tlatsa ka gore “ditlhabololo ga di kapisiwe di a atlaeelwa ka go tlholomelwa.”
Tebang le lenanao la Smart Botswana kgotsa SmartBots la go gokela mafaratlhatlha a maranyane a mahala mo dikgotleng, dikoleng le mo dikokelong, Tona Molale a re maranyane ao a tshwanetse gore a bo a le mo tirsisong ka nako tsotlhe gore morafe o a akole.
A re ope ga a tshwanela go kgorelediwa go dirisa maranyane ao, ka a diretswe gore Batswana ba a akole mahala ka nako tsotlhe gore matshelo a tokafale .
Go kgoreletsa morafe kgotsa go kgaupetsa tiriso ya maranyane ka go tima mafaratlhatlha ao, a re ga go ka fa tsamaisong.
Ka jalo, a laela mothusa molaodi wa kgaolo ya Letlhakeng, Rre Ronald Masole yo a neng a le kwa phuthegong eo go netefatsa gore morafe o bona maranyane ao mo mafelong otlhe.
O gateletse gore maikaelelo a puso ke go bona kgolo ya tiriso ya maranyane ao e bile a tswela Batswana mosola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Salajwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Apr 2024