Gender Link e sugasuga bomme ba mapolotiki
25 Apr 2024
Bomme ba mapolotiki ba kgothaditswe gore ba seka ba ne ba itumelela go tlhoka go atlega ga bangwe ka bone mo sepolotiking.
Bangwe ba bomme bao, ba ba neng ba le mo thuto-puisanyong ya beke e e neng e rulagantswe ke Gender Link Botswana kwa Francistown, ba boletse fa mokgwa wa go nna jalo o kgoreletsa tswelelopele e bile o rotloetsa go tlhoka tekatekanyo ga bong mo sepolotiking.
Ka jalo ba ne ba kgothatsana go tlogela mokgwa oo le go atla thusano le tshegetsano.
Mme Felicity Keleeme wa Botswana Patriotic Front kwa Mogapinyana a re bomme ba na le maatla a go fetola sepolotiki.
A re go ikgogona ga bomme ke gone go dirang gore gompieno jaana ba bo ba le boutsana mo sepolotiking ka jaana ba sa emane nokeng.
Le fa e le nnete gore popagano le kemo nokeng ya bomme ke sebetsa se se nonofileng go buelelela tekatekanyo, go na le disanankgope tse di thata tse di kganelang bomme go atlega mo sepolotiking, ga tlhalosa Mme Keleeme.
Mme Maggie Joseph wa Botswana National Front kwa Selebi Phikwe Bophirima ene o ne a ngongoregela gore mosepele wa go ya tekatekanyong ya bong mo Botswana o bonya.
Mme Joseph a re go tlhoka popagano ga bomme go ka diya diphetogo tse di ka ba thusang go nna mokawana le go ntsha lentswe le le kwenneng mo mererong ya sepolotiki.
A re kwa ntle ga kemo nokeng ya bomme, ba ba mo sepolotiking ga ba kake ba kgona go bona maemo, selo se se dirang gore ba ba nang le dikitso le bokgoni ba tlhatloge.
Mme Joseph a re bobega dikgang bo tshwanetse go bega bo sa gogele kobo ntlha epe gore bomme ba mapolotiki ba bonale.
A re gape babega dikgang ba tshwanetse go tsuolola ditumelo tse di fosagetseng tsa gore mme ga a kake a busa le go lwantsha kgethololo ya bong fa ba bega tsa sepolotiki.
Mongwe wa batlhatlheledi, mokhanselara wa Francistown Legare, Mme Nametso Griesmeir wa Botswana Democratic Party o ne a re Molao-motheo o tshwanetse go baakanngwa go netefatsa tekatekanyo ya kemedi le bong.
Mme Griesmeir a re tekatekanyo ya kemedi e tlaa netefatsa gore bomme ba na le kemedi ka go thusa go tlosa dikgopi tse di kileng tsa bo di tsewa e le ngwao mme di kgoreletsa bomme go tsaya karolo mo polotiking.
A re mafatshe ka bontsi a na le melao, ditsamaiso le mekgwa e e dirileng gore gompieno jaana bomme ba bo ba sa bonale sentle mo polotiking.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona, Mme Kebonyetsala Lindemann wa BDP kwa Tutume, yo le ene e neng e le motlhatlheledi, o ne a tlhalosa fa maikaelelo magolo a thuto-puisanyo e ne e le go kgothatsa bomme go tsena mo maemong a sepolotiki.
Mme Lindemann a re bomme ke bone ba ka buelelelang tekatekanyo ya bong botoka, ba mekamekana le dikgang tse di amang bomme le go netefatsa gore lentswe la bomme le a utlwala.
Mme Lindemann dipatlisiso di supile fa ditlhopha ka go farologana ga tsone di tsaya ditshwetso tse di botoka ka jaana maloko a tsone a tla ka meakanya e e tswang mo maitemogelong a tsele le tsele.
Mo godimo ga moo, thuto-puisanyo e ne e diretswe go nonotsha bomme ba ba tlaa bong ba emetse ditlhopho tsa peo-letlhokwa tsa diphathi ka go farologana ka dithata le dikitso tsa go emelelana le go kgerisiwa le go tshosediwa ke borre, e le leano la go ba kgoba marapo.
“Re nonotsha bomme ba ba digatlhamela Masisi go emelelana le banna ba ba tlaa lekang go ba kaba melomo,” a tlhalosa.
Thuto-puisanyo e ne e suga bomme ba mapolotiki mo dintlheng di tshwana le go buisa morafe, go buisana le babega dikgang, go ntsha phega le go sweleswetana le diemo tse di thata mo mosepeleng wa bone wa go ipapatsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 25 Apr 2024