Breaking News

Kgang ya sediba kwa Kubung e wetse

25 Apr 2024

Morafe wa Kubung o tlhaloseditswe mabaka a dirileng gore Rre Isaac Bakgonne a abelwe sediba sa morafe go se itiresetsa go nosetsa masimo. 

Mopalamente wa kgaolo ya Thamaga/Kumakwane, Rre Palelo Motaosane o tlhalositse mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro gore sediba seo se ka bo se goketswe go nosa morafe wa Kubung, mme morago fa go lemoga fa metsi a sone a se mo seemong sa go nowa ke batho, sa fiwa Rre Bakgonne ka fa molaong. 

Rre Motaosane a re Rre Bakgonne o filwe tletla ya go dirisa sediba seo ke ofisi ya khansele. 

Le fa go ntse jalo, Rre Motaosane a re go tsere lebaka gore kgang eo e rarabololwe. A re gongwe se se kabong se dirilwe ke gore morafe o ka bo o filwe sebaka sa go kopa sediba pele ga se neelwa motho a le mongwe. 

Matshwenyego a morafe wa Kubung ke gore, ga ba tlhaloganye gore go tla jang gore gotwe metsi a sediba seo a kgotlelesegile ntswa se le kgakala thata le motse. 

Mogolwane wa lephata la Water Utilities Corporation, Rre Kenosi Mallane le Mothusa modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Thamaga, Mme Christine Kgomotso ba tlhalositse gore Rre Bakgonne o ne a rolela sediba seo ka mokwalo ke khansele, fa lekgotla la kabo ditsha lone le mo file setlankana se ka sone a filweng tetla ya go gokela sediba go se itirisetsa. 

Rre Mallane a re WUC ya e thuistse Rre Bakgonne ka go mo kaela go dira moalo wa go gokela dipompo tse di tlaa gogelang metsi kwa tshimong ya gagwe, a sa kgoreletse mealo ya bone. 

Banni ba motse ba ba ne gape ba  ngongorega ka lekgotla la kabo ditsha ba re dikgang tsa bone di tsaya lebaka go rarabololwa. 

Nnggwe ya dikgang tse di tshwenyang ke gore go lebega batho ba le bantsi ba tlhatlagane mo masimong mme ga supiwa batlhokomedi ba lefatshe ka menwana gotwe ba na le seabe se ntsi mo dikganyeng tseo. 

Kgang e nngwe ke ya go nyelela ga  mekwalo kwa ofising ya kabo ditsha, selo se mopalamente a reng se supa gore dilo ga di dirwe ka fa tshwanelong, mme gape e le go tlhoka boikarabelo. 

Seemo sa gore komiti ya Kabo Ditsha e santse e le magorogo masha se dira gore banni ba Kubung ba kgobege marapo gore a dikgang tsa bone tse di gogileng sebaka di tlaa rarabololwa. 

Le fa go ntse jalo, mopalamente Motaosane o ba kopile gore ba nne ba kopa go bua le bagolwane, a tlatsa ka gore dikgang tse dingwe ga di a tshwanela go letela phuthego ya kgotla. 

Mme Kgomotso o ne a tlhalosetsa banni gore mo bogaufing ba tlaa aba ditsha tsa bonno di ka tshwara makgolo a roba bobedi. 

Le fa go ntse jalo a re ntateng ya tlhaelo ya madi, ditsha tseo di tlaa bo di sena ditlamelo di tshwana le ditsela, metsi le motlakase. 

A re gantsi morago ga go segwa ga ditsha, go dirwa ditsela mme ditlamelo tse dingwe di latele morago fa seemo sa madi se ntse se tokafala. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 25 Apr 2024