Barui ba rutwa ka tekanyetso melemo
25 Apr 2024
Go sireletsa leruo mo malwetseng go tshwanetse ga dirwa go etswe tlhoko mohuta wa mokento, selekanyo sa molemo le bokete jwa seruiwa.
E rile a bua kwa letsatsing la balemi le le neng le rulagantswe ke ba Matlapaneng Farmers Association bosheng, modiri wa tsa matlhoko a leruo kwa Lephateng la Temo-thuo, Rre Kgotso Oteng o ne a kgothatsa barui go ela tlhoko selekanyo sa melemo fa ba alafa leruo.
Rre Oteng a re ba tshwanetse go dirisa bokete kgotsa selekanyo sa lebante go fopholetsa selekanyo sa molemo se se tlhokafalang mo seruiweng.
A re gape ba tshwanetse go dirisa dikale go kala leruo. Rre Oteng o bile a tlhagisa barui gore go dirisa mokento o le mongwefela gantsintsi go ka dira gore mmele wa seruiwa o tlwaele molemo wa go nna jalo o tloge o palelwe ke go se fodisa.
Modiri yo mongwe mo lekalaneng la matlhoko a leruo, Rre Orata Goboiwang a re barui ba tshwanetse go nna le didirisiwa tse di kalang mogote gore ba lemoge malwetse go sale gale, bogolo jang jwa metsi a pelo ka sekai sa jone sa ntlha e le mogote o o feteletseng.
A re go alafela dikgofa go ikopantswe ke gone go motlhofo e bile go na le maduo. Molemisi wa kgaolo ya Letlhakeng, Rre Thomas Tadubana ene o ne a tlhagiso barui kgatlhanong le go sutisa leruo le lwala malwetse a tshwana le metsi a pelo.
A re go bolaya kgofa ke selo se se molemo, mme go e nyeletsa gotlhelele go diphatsa ka jaana go ka dira gore leruo le felele le sa itsetsepele mo matlhokong.
A re go alafela metsi a pelo le mokokomalo ka nako e le nngwefela ka jaana dikai tsa malwetse ka bobedi di a tshwana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TAKATOKWANE
Event : Phuthego ya temo-thuo
Date : 25 Apr 2024