Bomme ba a kokonelwa-Masisi
25 Apr 2024
Mokgweleo o o bokete wa go tlamela malwapa le letlhoko le le tseneletseng ke mabaka mangwe a a dirang gore bomme ba kokonelwe ke manokonoko a botshelo go feta borre.
Fa a bua le bagwebi ba ba botlana kwa Charleshill ka Laboraro mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi o boletse fa gangwe le gape bomme ba iphitlhela ba tlhokometse malwapa ba le esi, mme seo se ba thatafaletse botshelo.
Mme Masisi a re go kokonelwa bobe ke lehuma le gone mo mabakeng a mantsi go baya bomme ka fa mosing segolo jang ba ba ikaegileng ka borre.
Se, a re se dira gore ba itshokele marato le manyalo a a tletseng kgokgontsho ka ba a bo ba gabile gore ga ba na bokgoni jwa go itshetsa.
Mme Masisi o tlhalositse fa lenaneo le a sa tswang go le rola bosheng la Moreki, Morekisi Itsaneng e le tsela nngwe ya go leka go rarabolola diemo tse, ka go nonotsha bomme go tsena mo dikgwebong le go godisa tse di ntseng di le teng.
A re maikaelelo a lenaneo le ke go aga tomagano mo gare ga mogwebi yo mmotlana le moreki wa gagwe, a supa fa tsela nngwe ya go aga botsalano jo e le go tlhomamisa gore mogwebi o ntsha dithoto kana ditirelo tsa boleng jo bo itumedisang e bile bo kgotsofatsa moreki.
Modiri wa Botswana Bureau of Standards (BOBS) Rre Peter Mpete o ne a ruta bagwebi ba ba neng ba tsene tiro eo ka botlhokwa jwa go ntsha dithoto le ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo.
Rre Mpete o supile fa bontsi jwa dikgwebo tse di phutlhamang di a bo di digwa ke boleng jo bo tlhobaetsang jwa dithoto kana ditirelo, e seng letlhoko la madi kana dipoelo tse di kwa tlase jaaka bangwe ba ka akanya.
Kgosi Mbao Kahiko III wa Charleshill o ne a bolela fa kitso e le letlotlo le le isang kwa khumong, ka jalo bangwe ba tshwanetse ba nyorelwa go nna le kitso e e tseneletseng ya gore kgwebo e batla eng gore e atlege.
Kgosi Kahiko III o kopile bagwebi go dirisa mananeo a itokafatso a a farologanyeng a puso e a ntshitseng, a re mananeo ao a diretswe Motswana mongwe le mongwe gore a itlhatlose mo botshelong.
O ne gape a ba kgothatsa go itshokela dikgwetlho tsa kgwebo, a re go fapoga ga dilo mo tseleng ga se lebaka la gore motho a bo a ka phuaganya kgwebo ya gagwe.
Kgosi Kahiko III a re go mo maruding a motho mongwe le mongwe go emela ka dinao toro ya gagwe ya ka fa a eletsang botshelo jwa gagwe bo nna ka teng.
Mme Vidy Mabung yo a leng mo kgwebong ya kapei ya borotho o tlhalositse fa a ne a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2014 mme a ise a gadime kwa morago fa e sale foo.
A re kgwebo eo ya gagwe e mo tlodisitse dinoka di tletse ka e mo thusitse go simolodisa tsela tse dingwe tsa itshetso mme seo sa mo fa sebaka sa go tlhabolola botshelo jwa gagwe.
Mme Mbirimuje Karoumbe yo ene a rokang , a re le ene o akola maduo a lenaneo la nyeletso lehuma.
A re fa e sale a thusiwa ka 2013 o kgonne go le gontsi go akaretsa go aga, go reka dihutshane, go reka tshimo le koloi, ga mmogo le go duelela ngwana dithuto tsa go itlatsa.
Mme Karoumbe o rotloeditse bagwebi ba ba botlana go nna pelotelele.
Bokopano joo jwa bagwebi bo ne bo wetsa loeto la ga mohumagadi wa ga Tautona kwa Charleshill kwa a kopaneng gape le bommabana ba ba mo dingwageng tsa bonana, ga mmogo le borre le bana ba basimane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : CHARLESHILL
Event : Interview
Date : 25 Apr 2024