Breaking News

Chema Chema e rotloetsa boipelego - Molebatsi

21 Apr 2024

Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi a re ke boikarabelo jwa puso ngwe le ngwe go bona gore batho ba yone ba tshela sentle. 

E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Damuchojenaa bosheng, a supa se se ka kgonafala fa puso e ntsha mananeo a a ka thusang batho go ipelega, a tlatsa ka gore ke ka moo puso e semeletseng go tla ka mananeo aa nonofileng go tokafatsa matshelo a Batswana. 

Rre Molebatsi yo e bileng e le mothusa tona wa temo-thuo o ne a tlhalosa fa go ikaega ka mananeo a nakwana go ka seka ga isa lefatshe gope ka go dirisiwa madi a mantsi go tlamela le go tlhokomela setshaba go na le go inaakanya le go ba direla ditiro tsa sennela ruri. 

A re tiro ya gagwe ke go tlhomamisa gore manaeo a goroga kwa bathong, a tlhalosetsa fa puso e ntshitse lenaneo la Chema Chema go thusa batho ba dikgwebo tse dipotlana le ba ba eletsang go itshimololela dikgwebo. 

Rre Molebatsi o ne a tlhalosa fa a tla a bereka thata le ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) le Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) go tlhomamisa gore lenaneo la Chema Chema le tswela banni mosola.

 Fa a tswa la gagwe, Kgosi ya Damuchojenaa Kgosi Kebalepile Motsholetsi o kopile gore puso e ntshe dikgoreletsi tsotlhe tse di ka itsang batho go akola lenaneo la Chema Chema. 

Kgosi Motsholetsi o ne a tlhalosa fa go le gantsi puso e tla ka mananeo a a botlhokwa a a ka sologelang batho molemo mme a paledisiwe ke ditsamaiso tse di motsopodia tse di batlang batho dilo tse ba senang natso. 

O ne a re banni ba Damuchojenaa ke batho ba ba eletsang go itlhabolola ka mananeo a puso mme bontsi jwa bone bo felela mo tseleng ka ba sa kgone go fitlhelela se ba se lopiwang.

Kgosi o ne a re go nna kgakala ga motse wa bone le gone go na le seabe. O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba kwa Damuchojenaa ba sa bereke mme go le bokete mo go bone go nna ba boaboa kwa diofising kwa Mmadinare kwa ba tsayang ditlamelo teng. 

Le fa go ntse jalo kgosi o ne a kgothatsa morafe wa Damuchojenaa go inaakanya thata le lenaneo la Chema Chema ka le diretswe bone gore ba kgone go itlhamela dikgwebo gore ba itlhabolole le go godisa itsholelo ya Botswana. 

A re go botlhokwa gore setshaba se inaakanye le mananeo a puso ka a ka ba inola mo lehumeng fa ba a dirisa ka tlhwaafalo.

O ne a ba kgotlhatsa go tsaya nako go sekaseka megopolo ka dikgwebo tse ba eletsang go di dira gore ba tle ba bone maduo a se ba se batlang. 

Kgosi Motsholetsi o ne a re fa batho ba ka tsaya lenaneo la Chema Chema ka tlhwaafalo dipalo tsa ipelegeng di ka fokotsega. 

Kwa bofelong mookamedi wa lekalana la LEA kwa Selebi Phikwe Rre Eric Otukile o ne a solofetsa banni fa e tlaare mo lobakeng le le seng kgakala ba ntshe batho kwa diofising go tsamaya mo kgaolong go thusa botlhe ba ba nang le kgatlhego ya go dirisa lenaneo la Chema Chema. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : DAMUCHOJENAA

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 21 Apr 2024