Re a Nyalana e aga malwapa
21 Apr 2024
Mothusa tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae a re lenyalo le botlhokwa go bopa lelwapa la motiya, e bile le tshwaragane go neela bana bokamoso jo bo botoka.
Fa a bua kwa moletlong wa go nyadisa baratani ba le lesome le borataro kwa Tsonyane bosheng, Mme Talita Monnakgotla o supile fa maikaelelo a mangwe a lenaneo la Re a Nyalana e le gore malwapa a nne le seriti se se tsisiwang ke lenyalo.
A re o itumedisiwa thata ke gore e sale tshimologong ya lenaneo le, ga go ise go nne le banyalani ba ba kgaoganeng, a supa fa ba fiwa molao wa lenyalo o o tiileng.
Le fa go ntse jalo, o supile fa a tlhaloganya fa gona le dikgwetlho morago ga lenyalo le, ka banyalani ba sa kgone go tsena merero ya Setswana jaaka patlo.
O kopile borre go feleletsa lenyalo ka thulaganyo ya patlo, gore ba kgone go tsaya karolo mo mererong ya Setswana.
Mme Monnakgotla o kopile ba ba nnang mmogo mme ba sa nyalana go dirisa lenaneo le, ka le sa kgaphele ope kwa ntle, a supa fa keletso e le gore bana ba godisediwe mo malwapeng a a tshwaraganeng, ka fa tlase ga me le rre.
Fa a ntsha la gagwe, motsamaisi wa mokgatlho wa Re a Nyalana, Mme Annah Morwaagole o tlhalositse fa lenyalo le bopa malwapa a motiya, mme go dire gore lefatshe le tswelele pele.
O galaleditse bao ba ba tsereng tshwetso ya go nyalana ka lenaneo le. Mme Morwaagole o kopile bagolo go kgaoganya boswa ba sale mo botshelong, go itsa dikgogakgogano fa ba sena go tlhokafala.
Rre Pitara Modisapodi, wa motlhokapono, o e bileng a nyetse ka lenaneo le mo digwageng tse di fetileng, o supile fa lenaneo le mo dirile motlotlo ka a tshwana fela le ba ba nyetseng ba na le dithata.
A re lenyalo le tsisitse popagano mo lelwapeng la gagwe, ka ene le mosadi wa gagwe ba tlhokomelana ebile ba godisa bana ba bone ka lorato.
O gakolotse Batswana ba bangwe ba ba dikobo dikhutshwane go dirisa lenaneo le, go nyalana, a tswelela ka go supa fa e tlaare mo tsamaong ya nako a batle dikgomo go ntsha magadi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : TSONYANE
Event : Re A Nyalana
Date : 21 Apr 2024