Maemelo a dipalamo tsa setshaba a tlaa rolelwa morafe
18 Apr 2024
Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng, Rre Anderson Mathibe a re maemelo a dikoloi tsa setshaba a Letlhakeng a tlaa bulwa a bo a rolelwa morafe kgwedi eno e le masome mararo.
O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng, Rre Liakat Kablay ka Labobedi, morago ga gore morafe o supe matshwenyego a gore kago ya maemelo a dikoloi tsa setshaba a sa le e weditswe mme ga a dirisiwe.
Rre Mathibe o tlhalositse fa maemelo ao a dikoloi tsa setshaba a na le metlaagana e e tlaa dirisiwang ke bagwebi ba banana, a tlatsa ka gore seo se tlaa fa bangwe ba bone sebaka sa go akola lenaneo la Chema Chema le le thamilweng go thusa bagwebi ba ba botlana ka madi.
Fa a tsibogela matshwenyego a gore go lebaka khansele ya Letlhakeng e ikemetse mme e ise e nne le sekano, modulasetilo o supile fa go dirwa ga sekano go ya motsubung.
O solofeditse morafe gore ba tlaa ikitaya ka thupana gore sekano se goroge kwa bathong mo nakong e e sa fediseng pelo. Mo go tse dingwe, o ne a solofetsa morafe gore ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, ga ana go letlelela gore ditiro tsa khansele di akolwe ke dikhamphani tse di tsenang mo seatleng fela.
A re e bile o tla netefatsa gore dikhamphani tsa bana ba Letlhakeng ke tsone tse di akolang ditiro tsa khansele ya Letlhakeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : LETLHAKENG -
Event : phuthego ya kgotla
Date : 18 Apr 2024