Ba ikwadiseditse ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo
18 Apr 2024
Dipalo tsa ikwadisetso ditlhopho kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa di bolelwa di nametsa.
Go bolelwa mo nakong ya gompieno go setse go ikwadisitse batho ba feta 16 000 pele ga tlaleletso ya bobedi e tshwarwa, fa go tshwantshanngwa le ka ditlhopho tsa 2019 tse go neng go ikwadisitse ba le 14 917 ka nako ya ditlhopho.
Mogolwane kwa lekgotleng le le ikemetseng la ikwadisetso ditlhopho (IEC) kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Rre Norman Tshekiso o kgothadisitse banni ba ba saletseng kwa morago go dirisa sebaka sa ikwadisetso ditlhopho e e tla simologang Motsheganong a le di 20 go fitlha di 31.
Rre Tshekiso o tlhalositse fa kgaolo eo, e na le banni ba ba fetang 35 000 mme mo nakong eno go setse go ikwadisitse batho ba le 16 546.
A re tsholofelo ke gore banni ba tlaa dirisa sebaka seo sa go ikwadisetsa ditlhopho jaaka e le sa bofelo pele ga ditlhopho tsa setshaba di tshwarwa ka kgwedi ya Phalane.
A re go ya ka maitemogelo a IEC, banni bangwe ga ba a kgona go ikwadisa ka mabaka a a farologaneng a akaretsa gore bangwe ba ne ba santse ba emetse bo Omang morago ga go ba shafatsa, fa bangwe ba ne ba ise ba tseye ditshwetso tsa go ikwadisa.
O supile fa ikwadiso ya bobedi ya poeletso e tlaa dirwa kwa matlhophelong a le masome a marataro le boferabobedi a a mo kgaolong, e seng kwa diofisng tsa IEC jaaka go ne go dirwa ka tlalaletso ya ntlha.
A re ofisi ya IEC e tlaa thapa gape badiri ba ba neng ba ntse ba kwadisa ditlhopho go le pele le badirelapuso, ka maiteko a go fa mongwe le mongwe sebaka sa go ya go ikwadisetsa kwa a tlaa tlhophelang teng.
O tlhalositse fa dinako tsa go ikwadisetsa ditlhopho di sa fetoga go simolola ka nako ya boferabobedi maphakela go fitlha ka ya borataro maitseboa, mme ka mafelo a beke nako e le ya boferabobedi maphakela mme go tswalwe ka nako ya bone maitseboa.
Rre Tshekiso o gakolotse banni go tswelela ba ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo gore ba tsaye karolo mo ditlhophong tsa setshaba monongwaga, go itlhophela puso e ba e batlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : POTSOLOTSO
Date : 18 Apr 2024