Ba Mabalane ba lela ka letlhoko la metsi
18 Apr 2024
Banni ba Mabalane ba ikuetse ka letlhoko la metsi le le tsweletseng mo motseng wa bone.
Mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule, ba boletse fa motse wa bone o le mo lenyoreng ka metsi a kgala gangwe le gape.
Ba boletse fa ba dikile ba letile koporase ya metsi ya Water Utilities Corportaion (WUC) go ba namola, mme nako kgolo ke e no. Banni ba supile fa dipompo tse di isang metsi kwa motseng di le dikgologolo, mme di tshabelelwa ke go dutla.
Ba tshwenngwa gape ke gore ga ba na ngaka mo kokelwaneng ya bone, mme le fa ba filwe sebaka sa gore ngaka e ba tlhole, e sa kgone go ba thusa botlhe. Ba kopile go itsisewe ka tsela e ba saleng ba e solofediwa ya Modipane/Ntswanalatheku e e tshwaraganyang metse ya dinoka le Modipane go tswa kwa Gaborone.
Ba boletse fa ba sa robadiwe ke go tlhoka go laolesega ga metsi ka nako ya dipula ka jaana ba sena ditlamelo tsa kgopho ya metsi a a leswe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Salome Moatle o boletse fa ba itumeletse mafaratlhatlha a kgokelo ya maranyane mo motseng ka e thusitse bangwe go bona mebereko.
Mme Moatle o boletse fa ba itumeletse paakanyo ya ditilo le ditafole gammogo le go tsisediwa dibuka kwa sekoleng se sebotlana.
A re banni ba itumeletse lenaneo la go gokelelwa motlakase mahala le gore phatlalatso ya motlakase o tokafetse mo motseng.
Mabapi le tse di buisantsweng kwa Palamenteng, o boletse fa go okeditswe dikatso tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse, bagodi le tse dingwe. Rre Pule o boletse fa tsela ya Modipane/Ntswanalatheku e tlaa dirwa mo bogautshwaneng ka lenaneo la Development Manager Model.
Tse dingwe a re di tsweletse go netefatsa gore tsela e ka simololwa, go akarediwa go abiwa ga tiro le go dira ditekeletso tsa mmu.
Mopalamente o rotloeditse banni go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba ka dipalo tse di kwa godimo mo ikwadisong ya tlaleletso, kgwedi ya Motsheganong a le 20 go fitlha di 31.
Rre Pule o ba rotloeditse go dirisa lenaneo la Chema Chema, go godisa le go tlhabolola dikgwebo tsa bone.
A re keletso ke gore go dirwe ditlamelo tsa kgopho ya metsi a a leswe tse di gokaganyang kgaolo yotlhe, mme a bolela fa a tlaa latedisa dikgang tsa metsi le ba WUC. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : MABALANE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 18 Apr 2024