Tshwaane o akgoletswe maduo a mantle
18 Apr 2024
Sekole se sebotlana sa Tshwaane se akgoletswe go dira bontle mo maduong a lekwalo la bosupa ngogola.
Sekole se, se pasitse ka matshwao a 83.9 per cent. Mo baithuting ba le 31 ba ba kwadileng ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa, ba robabobedi ba ne ba pasa ka letshwao la A, ba le baratataro ba tsere B, ba le lesome le bobedi ba tsere maemo a C, ba le bane ba tsere D mme a le mongwe a tsere letshwao la E.
Mogokgo wa sekole, Mme Emily Moilatshimo o ntshitse mafoko a kakgolo kwa moletlong wa go ipelela maduo ka Laboraro kwa Tshwaane.
Mme Moilatshimo o tlhalositse gore le fa motse o le kgakala le ditlamelo, seemo se se dirang gore banni ba nne le letlhoko le le tseneletseng, batsadi ka tshwaragano le barutabana le botsamaisi jwa sekolo ba dira ka natla go rotloetsa bana go ithuta.
O tlhalosistse fa ba na le letlhoko le le tseneletseng le le amang le bone bana tota, a re fa dipula di na baithuti ba tsenelelwa ke metsi apula mo matlwaneng a borutelo ka a le makgasa.
Mme Moilatshimo o ngongoregile ka batsadi bangwe ba ba nnang maoto a tshupa fa sekole se bitsa batsadi go ba lekodisa ka seemo sa thuto ya bana le tsone ditlamelo tsa thuto.
Le fa go le thata ya lentswe, mogokgo a re bogogi jwa sekole le barutabana ga ba kgobege marapo, ka jalo ba tshwere ka thata go ruta bana.
O tlhalositse fa sekole seo se na le baithuti ba le 230. A re o simolotse go direlwa kwa Tshwaane ka ngwaga wa 2017, mme o fitlhetse sekolo seo se ntse se iteka ka se ne se sa bone maduo a kwa tlase ga 50 per cent.
A re o ne a ikana gore ga a kitla a busetsa maiteko a dirwang kwa morago, ka jalo a dira ka natla go tswelela a tsholetsa serodumo sa sekole.
Ka ngwaga wa 2017 sekole sa Tshwaane se ne se pasitse ka 56.5 per cent, ka 2018 sa dira 78.3 per cent, 2019 sa wela tlase gosenene se dira 57.1 per cent.
Mme Moilatshimo are ka 2020 maduo a ne a wela tlase gape go nna 52.2 per cent, mme le fa go ntse jalo seo sa seka sa ba kgoba marapo ba kgona go tlhatlogela kwa go 71.4 per cent ka 2021.
A re le fa ka 2022 a ne a wela tlase gape go nna 50 per cent, ngogola sekole seo se ne sa itsolopanya go tlhatlogela kwa go 83.9 per cent ka jalo go le botlhokwa go ipela.
O tlhalositse gore sengwe sa tse di dirilweng ngogola go tokafatsa seemo mo sekoleng ke go segofadiwa ka kgokelo ya motlakase wa marang a letsatsi. Le fa go ntse jalo, are kgwetlho ke gore fa go le maru ga o kgone go tshuba.
A re sa tse e santseng e le dikgwetlho ke tiego ya go kabiwa ga diphatlha ba ba fudusiwang go ya go direla kwa dikoleng di sele.
Mothusa mogokgo, Mme Kemofitlhele Kgotlhang a re maikalelo a tiro eo e ne e le go ipelela phenyo. Mme Kgotlhang a re thuto ke kgetsi ya tsie ee kgonwang ke go tshwaraganelwa.
A re maikalelo ke go tswelela ka go ntsha maduo a itumedisang. Mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Tshiamo Ndebele a re le fa sekole sa Tshwaane se dirile bontle, o tshenngwa ke gore dikole tsa kgaolo eo ka bophara di tsweletse ka go ntsha maduo a sa kgatlhiseng.
Rre Ndebele a re sekole sa Tshwaane ke sone fela mo kgaolong eo se se kgonneng go feta seelo se se beetsweng dikole tsotlhe sa 80 per cent.
A re kgaolo ya Letlhakeng e na le dikole di le masome a mabedi le botlhano.
Rre Ndebele o akgoletse batsadi tiro e ntle e ba e dirileng go dirisana le barutabana mo thutong ya bana ba bone, a ba kgothatsa go re ba tswelele ba dira jalo le kwa sekolong se segolwane sa Mahupu.
Ka maikaelelo a go ba tiisa moko le go ba akgolela tiro e ntle e ba e dirileng, Rre Ndebele a re mogokgo le morutabana wa baithuti bao ba tlaa tsaya mosepele o dueletsweng ke lephata la thuto go ya go iphokisa phefo kwa Kasane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 18 Apr 2024