Breaking News

Banni ba tlaa atumediwa ditirelo tsa Chema Chema

18 Apr 2024

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng, Rre Liakat Kablay o rotloeditse batlhophi ba gagwe go dirisa lenaneo la Chema Chema le le thamilweng go thusa bagwebi ba ba botlana ka madi.  Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Letlhakeng ka Labobedi, Rre Kablay o kopile morafe go sa itsapela go dirisa letlole go godisa dikgwebo tsa bone.

O ba tshepisitse gore maiteko a tlaa dirwa go atumetsa ditirelo tsa Chema Chema mo dikgaolong tse go senang diofisi tsa Local Enterprise Authority (LEA). A re mo puisanong ya gagwe le tona wa bogwebi, Rre Karabo Gare o  supile gore ba lekalana la LEA ba tlaa atumetsa ditirelo tseo.

Rre Kablay a re kgato e, e tlaa fokotsa mosuke kwa diofising tsa LEA e bile e tlaa thusa gore batho ba akole Chema Chema ka bontsi. A re o kopile tona gore a tlhome ofisi ya sennela ruri ya LEA mo kgaolong ya Letlhakeng.

O tlhalositse fa Chema Chema e le lengwe la maiteko a puso, go tokafatsa matshelo a Batswana, ka jalo o ba kgothaditse go le dirisa go tokafatsa matshelo a bone. Mo go tse dingwe, mopalamente o tlhaloseditse morafe gore palamente e tshwentswe thata ke tiriso ya ditagi e e ileng magoletsa.

A re tiriso ya ditagi e ama  botsogo jwa yoo inaakantseng le tsone ga mmogo le bokamoso jwa gagwe. A re nako e tsile ya gore batsadi ba bue le bana ba bone ka ditagi le go kopa thuso fa ba itemogela gore ngwana o dirisa ditagi gore a thusiwe ke ba botsogo go di tlogela nako e sale teng.

Mopalamente Kablay o ne a tlhalosetsa morafe gore mo kabong ya madi ya bosheng, palamente abetse lephata la thuto le la botsogo madi a mantsi ka maphata ao a na le matlhoko a mantsi.

 O ne a kgala gore ngwaga wa madi oo fitileng, madi a dijo tsa dikole, segolo jang mo kgaolong ya Kweneng a ne a dirisiwa go duela barutabana ba ba neng ba thapilwe ka nakwana ntswa bana bone ba ne bolawa ke tlala, a tlatsa ka gore seemo se ga se a tshwanela go diragala gape.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Apr 2024