Ba Kutjani ba aba ditanka tsa matlakala
17 Apr 2024
Ba mokgatlho wa Kutjani kwa Tutume ba abetse motse oo ditanka tsa matlakala di le tlhano go thusa mo go phepafatseng tikologo.
Fa a rola mpho eo kwa Tutume ka Mosupologo, mothusa modulasetilo wa Kutjani Social Club, Rre Edwin Magori o boletse fa mokgatlho oo e le wa kgwele ya dinao e gantsi ba e tshamekang ka mafelo a beke.
A re ba kopana e le badirelapuso ka go farologana ba ba berekelang mo Tutume go itlosa bodutu le go itshidila mmele ka go tshameka kgwele ya dinao. A re mo bokopanong jwa bone ba ne ba lemoga fa motse o sa lebege ka lebaka la matlakala a a gasagasameng, ka jalo ba bona go le maleba go baya ditanka tsa matlakala gongwe le gongwe fa batho ba kgobokanang teng gore go latlhelwe matlakala mo go tsone.
Rre Magori a re gape ba mo letsholong le le boloditsweng ke ba lephata la tlhokomelo tikologo go phepafatsa tikologo. O tlhalositse fa keletso ya bone e le go bona ba dira pharologanyo mo setshabeng le mo motseng o ba berekelang mo one.
Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Lesego Kgosiemang a re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya setlhopha ke tsone tse di dirileng gore ba kgone go dira seo. O tlhalositse fa maikaelelo a mangwe a Kutjani ke go rotloetsa itshidilo mmele, go tsenya letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi le go thusa tshaba e ba direlang mo go yone.
O lebogetse botsamaisi jwa sekole sa Tutume Central tirisanyo go ba letla go dirisa lebala la sekole seo. Maloko a mokgatlho oo ba boletse fa ba ikaeletse go ema nokeng sekole seo mo dithutong ka go ba thusa fa ba ka kgonang teng le go dira sengwe se se tlaa tlogelang motlhala o ba tlaa gopolwang ka one.
Fa a amogela mpho eo, mogolwane kwa lephateng la khansele la tlhokomelo tikologo, Mme Bosiela Segogo o galaleditse ba mokgatlho, a rotloetsa maloko go tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang.
Mme Segogo a re mokgatlho o utlwile kopo ya gore mongwe le mongwe a tseye karolo mo phepafatsong ya tikologo fa a leng teng.
O ba akgoletse boeteledipele jo bo nonofileng le gore ba bone botlhokwa jwa go ba thusa kana go tshwaraganela tiro ya go phepafatsa tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kabo dimpho
Date : 17 Apr 2024