Molebatsi o rotloetsa barui go dirisa mananeo
17 Apr 2024
Mothusa tona ya Temo-Thuo Rre Molebatsi Molebatsi o rotloeditse Batswana go dirisa mananeo a kgwediso ka seatla go oketsa boleng jwa leruo la bone.
A re puso e itlamile go thusa barui go tlhabolola thuo ya bone ka go dirisa kgwediso ka seatla gore ba kgone go reka meroto ya dikgomo tsa boleng jo bo kwa godimo.
O buile jalo kwa ditshupong tsa temo-thuo tse di neng di rulagantswe ke mokgatlho wa Letlhabile Southern Young Farmers kwa Jwaneng bosheng.
O supile fa dipalo tsa barui ba ba rekang meroto eo di le kwa tlase ntswa lenaneo le diretswe gore Batswana ba kgone go tlhabolola dikgomo ka ditlhwatlha tse di kwa tlase. A re puso gape e tsweletse ka go rutuntsha bana ba Batswana go dira kgwediso ka seatla, e le maiteko a go anamisa lenaneo leo gore le akolwe ke barui ka bontsi.
“Ithutuntsho e ga e tseye lebaka, ke selekanyo sa dibeke di se kae ba bo ba aloga. Le gone go dira kgwediso ka seatla ke selo se se motlhofo, ka jalo re rotloetsa gore barui ba inaakanye le mananeo a mohuta o go tlhabolola thuo ya bone”.
Mo godimo ga moo, tona o ne a ba gwetlha go ipaakanyetsa lenaneo le le tlang la Thuo Letlotlo, le le lone le itebagantseng le go tsosolosa thuo le gone go oketsa mmaraka wa nama ya boleng jo bo kwa godimo. Dr Benjamin Sebonego wa khamphani ya Rivarina Agric Services o ne a gwetlha Batswana go inaakanya le kgwediso ka seatla ka jaana e diretswe gore ba kgone go nna le mefuta ya dikgomo tse di farologanyeng ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.
O ba rotloeditse gape go dirisa sebaka se se di dirwang ke tsamaiso ya kgwediso ka diatla go itlhamela mebereko le gone go nonotsha maiteko a puso a go godisa mhama wa temo-thuo.
“Le lona le ka nna le dipoo tse lo ka gwebang ka meroto ya tsone, ba bangwe ba rekisa didirisiwa tse di tlhokegang mo kgwedisong ka seatla jalo jalo.”
O ne a tlhalosa fa tsamaiso eo ya kgwediso ka seatla e sa tlhoke lefatshe le lentsi, ka jaana morui a tlhoka lefelo le a ka tlhokomelelang kgomo fa go lone, e ne a tsweletse a rekisetsa barui ba bangwe meroto ya kgomo.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa go le botlhokwa go dirisa boitseanape go sekaseka boleng jwa dikgomo tse di gwedisiwang go itsa ditshenyegelo go sena maduo.
Modiri kwa polaseng ya kgwediso ka seatla ya Sekgwasentsho, Rre Moleseng Ramatlotla o ne a tlhalosa gore go botlhokwa go tlhaloganya tsamaiso ya kgwediso ka seatla gore e tle e atlege, go simolola ka tlhokomelo ya kgomo e ise e gwedisiwe gammogo le go ela tlhoko tsotlhe tse di tlhokegang fa e gwedisiwa.
O supile fa go le botlhokwa gore kgomo e e gwedisiwang e fiwe dijo sentle gore e itekanele e be e nne le botsogo jo bo ka babalelang moroto o o tsenngwang mo go yone.
O ne gape a gatelela botlhokwa jwa go kwadisa dintlha sotlhe tse di tlhokegang, ele tsela nngwe ya go thusa morui go sala morago botsogo le go gola ga leruo la gagwe.
Le fa go ntse jalo, Rre Ramatlotla a re e re ntswa puso e itlamile go rutuntsha Batswana ka tsamaiso ya kgwediso ka seatla, bontsi jwa bone fa ba sena go aloga ga ba tswelele ba dira tiro eo.
A re seo se busetsa maiteko a puso a go tlhabolola boleng jwa dikgomo kwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : ditshupo tsa temo-thuo
Date : 17 Apr 2024