Ba kopa diofisi tsa LEA le CEDA mo kgaolong
17 Apr 2024
Makhanselara a kgaolo ya Tutume a kopile gore go tlhomiwe diofisi tsa Local Enterprise Authority (LEA) le Citizen Entrepreneurial Development Agency(CEDA) kwa Tutume le Nata, go atumetsa ditirelo kwa bathong.
Kopo e, e ntshitswe mo phuthegong ya khansele kwa Tutume bosheng.
Makhanselara a boletse fa banni ba kgaolo ba sokola ka go latela diofisi kwa Masunga le Francistown.
Mokhanselara wa Gweta/Tsokatshaa, Rre Galebaitse Serara a re ba itemogetse seo morago ga go rolwa semmuso ga lenaneo la Chema Chema, le le thusang bagwebi ba ba botlana ka madi go similola le nonotsha dikgwebo tsa bone.
Rre Serara a re le fa go rotloediwa tiriso ya maranyane, ke ba sekae fela ba ba nang le megala ya letheka e e dirisang maranyane a sesha, a tlatsa ka gore maranyane ga a tshware kwa dikgaolong dingwe.
A re go aga diofisi kwa Nata go ka fokoletsa batho ba kgaolo ya Nata/Gweta mosepele wa go senka dithuso kgakala kwa Francistown.
Makhanselara a ne gape a supa fa batho ba ise ba tlhaloganye lenaneo le go tlatsa difomo mme ba kopa lephata le le maleba go etela kgaolo go tlhalosa ka lone.
E ne e rile pele, modulasetilo wa khansele ya Tutume ,Rre Million Masumbika a kopa makhanselara go tlotlana le go tlotla badirelapuso.
Rre Masumbika a re go na le bangwe mo go bone ba ba dirisang mafoko a lenyatso e bile a tletse semorafe mo maranyaneng mme a ba kopa go itlotla le go tlotla ba bangwe.
O ba rotloeditse gore ba buisane ka tlotlo, lorato le tlhompo le go gakololana ba sa kubetsane ka mafoko.
Mogolwane kwa khansele ya Tutume, Rre Oteng Mashumba a re lephata la Dikgaolo le Tlhabololo magae le setse le rebotse madi a a tlaa dirisiwang mo ditlhabololong tsa ngwaga wa madi wa 2024/25 mme a tlaa dirisiwa go fetsa ditiro tse di saletseng kwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya khansele
Date : 17 Apr 2024