Kgosi Moroka o ngongorega ka bodiredi jwa puso
17 Apr 2024
Kgosi Sello Moroka III wa Lerala a re o tshwenngwa ke badirelapuso ba ba sa thuseng morafe sentle mo diofising mme a kopa gore ba rutwe gore ba tshware batho jang fa ba tsile go kopa thuso kwa go bone.
A re Batswana ga ba thusege sentle mo diofising mme bangwe ba tswa kgakala ba latetse ditirelo.
Kgosi Moroka o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele kwa Lerala bosheng.
Kgosi Moroka o tlhalositse fa kgaolo ya Lerala e le tona e bile e tlhoka lefelo le go thusediwang batho teng, go itsa gore banni ba latele ditirelo kwa Palapye.
O lebogetse sepatela le diofisi tsa mapodisi tse di tlaa agiwang kwa Lerala, a tlhalosa fa motlhala o setse o bonala.
Kgosi Moroka a re puso e eme Batswana nokeng, aa fa sekai Ka lenaneo la Chema Chema, le kgokelo ya motlakase ntle le dituelo.
O kopile gore tsamaiso ya lenaneo la Chema Chema e nne motlhofo, go kgontsha Batswana go le akola mme a supa matshwanyego a gore makalana a a tsamaisang lenaneo a LEA le CEDA a kgakala le bone.
A re go tlhokega gore makalana a, a phatlalatse bodiredi jwa o ne, go thusa setshaba kwa metseng gore lenaneo le tle le berekele Batswana.
Kgosi a re lenaneo la Chema Chema le lentle e bile le botlhokwa ka jaana Batswana ka bontsi ba itshetsa ka dikgwebo potlana.
Mothusa modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Palapye, Rre Daniel Ookame o solofeditse kgosi gore ba tlaa sala morago kgang ya go sa thuseng morafe sentle ga badiri bangwe.
Mo go tse dingwe tse banni ba neng ba lela ka tsone jaaka motsamao wa metsi a pula, a re kopo ya bone e tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo.
Rre Ookame a re ba tlaa dira gore ditirelo di tle ka bokete morago ga go tlhomiwa ga lefelo la ditirelo.
A re mo dikgannyeng tsa modumo le leruo le le gobeyang mo motseng, khansele e na le melao e e gagametseng ya go gapa leruo mme beng ba le golole ka madi kana le isiwe kwa matimeleng.
Rre Modukanele o ne gape a buisa phuthego ya kgotla kwa Mokungwane, kwa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Monkgogi Moswanti a supileng fa selelo segolo sa bone e le go salela kwa morago mo dikgannyeng tsa maranyane mme a kopa gore lenaneno la SmartBots le tsibogelwe.
O ne gape a supa fa sekole se sebotlana sa Mokungwane se tlhaelelwa ke matlo a boroko jwa bodiredi.
A re banni ba ba ikopetseng lenaneo la LIMID ba lela ka tiego ya lone. Rre Moswanti o lebogetse go busediwa ga dijo tsa babereki ba Ipelegeng le kapei ya borotho.
Kgosi, Mme Itumeleng Fane o lekodisitse mopalamente ka seemo sa leuba, a re banni ga ba a lema, mme le ba ba lemileng dijwalo di shele.
Kgosi Fane a re ga ba robadiwe ke borukuthi jo bo ileng magoletsa mo kgaolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Apr 2024