Tshwaragano ya kereke le puso e botlhokwa '
17 Apr 2024
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele o abetse kereke ya Ntlo ya Modimo Apostolic Church dimente di le masome matlhano le P1 000.
Mpho e ya kago e diragala jaana morago ga gore baeteledipele ba kereke ba dire boikuelo kwa go mopalamente ba bolela fa ba eletsa go thusiwa ka didirisiwa tsa kago gore ba kgone go aga e kgolwane.
E rile a rola mpho ka Tshipi, Rre Modukanele yo e bileng e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore kereke e tshwaragane le puso go aga lefatshe ka e le yone modi wa popo ya motho ka go rotloetsa poifo Modimo.
Rre Modukanele a re ke ka moo puso e letleletseng gore go nne le ditumelo tse di farologaneng mme go setswe molao-motheo morago.
O ne a tlhalosa fa puso e tlhoka ba-na-le seabe ba tshwana le dikereke go tshwaragana mo nakong eno e e thata e botlhoka tsebe jwa banana bo ileng magoletsa.
O kgothaditse baphuthegi ba Ntlo ya Modimo go ngokela banana mo kerekereng.
A re go dira jalo go ka thusa gore ba seka ba nna le nako e ntsi ya go dira dilo tse di ka felelang di ba tlhakatlhakanyeditse botshelo.
Rre Modukanele o ne a rotloetsa kereke go nna gaufi thata le mananeo a a ntshiwang ke puso gore le bone ba kgone go a akola.
A re lenaneo le tshwana le la Chema Chema le diretswe Motswana mongwe le mongwe go itshimolodisetsa kgwebo kgotsa go tsweledisa tse di ntseng di le teng.
Rre Modukanele a re go nna le letseno go ka thusa gore baphuthegi ba ntshe seabe se se bonalang gore toro ya bone ya go aga kereke e atlege.
Mo go wetseng mafoko a gagwe, Rre Modukanele o ne a rotloetsa kereke ya Ntlo ya Modimo go rapelela ditlhopho tse di tlang gore e nne tse di gololesegileng.
E rile a tswa la gagwe, Bishop Isaiah Mogapi o ne a tlhalosa fa toro ya go aga kereke e ne ya simologa ka nako e mogare wa COVID-19 o neng o gaketse ka go ne go tlhoka gore go salwe melawana morago go itsa kanamo ya one. Bishop Mogapi a re ka kereke e ne e sa kgone go tsaya palo e ntsi ya baphuthegi, ba ne ba bona go le maleba go lelela kwa go mothusa tona go kopa dithuso.
Ka jalo o ne a lebogela mpho ya ga mothusa tona, a tlhalosa fa se e le phitlhelelo e kgolo mo kerekeng ka mo nakong ya gompieno madi a le bokete go bonwa.
Rre Kopano Freeman yo e leng mogwebi yo motona kwa motseng wa Kgagodi le ene o ne a abela kereke ditena di le makgolo mararo le dimente di le masome mabedi.
Kereke ya Ntlo Ya Modimo e tlhamilwe ka 2009 ke Arch Bishop Keetshabe Mogapi le Arch Bishop Phemelo Mogapi mme e setse e na le makalana a le marataro lefatshe ka bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : KGAGODI
Event : Kabo dimpho
Date : 17 Apr 2024