Breaking News

Logong Lwa Modisa e tlhalosa diane tsa Setswana

16 Apr 2024

Monni wa Lobatse e bile e le morutabana wa pele Rre Ellias Rantleru o kwadile buka ya Logong lwa Modisa e maikaelelo a yone e leng go tlhalosa diane tsa Setswana gore di nne bonolo go tlhaloganngwa. 

Mo                  potsolotsong ka Labone kwa Lobatse Rre Rantleru o boletse fa keletso ya go kwala buka e e sale e mo tlhorontshitse a santse a le moithuti kwa sekolong se segolwane sa Letsopa ka ngwaga wa 2005, a tlhalosa fa a ne a gwetlhiwa ke lorato lwa gagwe mo dithutong tsa Setswana ka e bile a ne a dira bontle thata mo go tsone. 

O tsweletse a bolela gore buka e, e ganeletse thata mo go bopeng setho sa setshaba ka tiriso ya diane ka di supa ka fa go tshwanetseng ga tshelwa ka teng ga mmogo le boikarabelo jwa batho ka bongwe ka bongwe. 

Rre Rantleru a re buka e ya diane e ka thusa gape mo go tsa kgalemo le kgodiso e e lolameng ya bana. 

Mo go tse dingwe Rre Rantleru o boletse gore tsholofelo ke gore buka e ya diane e thuse go tlhatswa dikgang tsa tekatekano ya bong le gone tota go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana ka go dirisa diane. 

Rre Rantleru a re go lemotshegile fa diane di dirisiwa ka tshokamo le ntswa seane se nale popego, bokao le tiriso ya sone le gore se tlhamilwe fa go ne go rileng. 

O ne a fa sekai ka seane se se reng ‘Ga di ke di etelelwa ke manamagadi pele,’ a re maikaelelo ga se go gatelela bomme mme ke go ba sireletsa le go supa fa dikatlego le dikgwetlho tsa botshelo di tlhoka go tshwaraganelwa ke bomme le borre. 

O tsweletse a tlhalosa fa go kwala buka go se bonolo ka go akaretsa go dira dipatlisiso tse di tseneletseng segolo jang ka batho ba itse e bile ba dirisa diane ka tsela e e fosegileng. 

Rre Rantleru a re buka e e ka dirisiwa ke dikgosi le balaodi fa ba tshwere dikgang tsa manyalo le go rarabolola dikgang mo setshabeng. 

O tsweletse a re e ka thusa le bana ba dikolo ya bo gape ya tlotlomatsa ngwao ya Setswana le gone tota go e bapatsa. 

Fa a tlhalosa setlhogo sa buka ya gagwe o boletse gore seane se se reng ‘legong la modisa letlharapa ga le galalwe’ se supa botlhokwa jwa modisa le fa mo matlhong a bangwe a lejwa e le motho yo o nyatsegileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : potsolotso

Date : 16 Apr 2024