Breaking News

BDP e dirile maitlamo a yone a 2019- Kwape

16 Apr 2024

Mothusa mokwaledi wa phathi ya Botswana Democratic Party e bile ele tona wa tsa mafatshe a sele Dr Lemogang Kwape a re phathi e fitlheletse bontsi jwa ditsholofetso tse e neng e di dirile ka 2019.

O buile mafoko ao fa a ne a eme balatedi ba phathi eo ka lefoko kwa Goodhope ka Tshipi kwa phathi eo e neng e na le bokopano, jo bo neng bo tsenwe ke tautona Dr Mokgweetsi Masisi e bile ele moeteledi pele wa phathi eo.

Dr Kwape o tlhalositse fa phathi e robaletswe ke ditlhokwa mo kgaolong ya borwa, a tlatsa ka gore Batswana ba itse fa e eteleditse dikgatlhego tsa bone kwa pele. O supile fa mananeo a tshwana le Chema Chema e le dingwe tsa dikai tse di supang fa phathi eo e eteleditse dikgatlhego tsa Batswana kwa pele.

Mopalamente wa kgaolo ya Goodhope/Mabule Rre Eric Molale o lebogetse Tautona go bo a boleletse maloko le balatedi gore phathi e tla pele. 

O supile fa seo e le go supa lerato mo barating ba phathi eo, a tlatsa ka gore se se monate ke gore dipalo tsa phathi eo di golela pele. 

Rre Molale o gateletse mafoko a ga Dr Kwape gore ditiro ka bontsi di setse di dirilwe fa tse dingwe di setse hela ka go simolola.

 A re ditlhabololo di tshwana phatlalatso ya metsi le kago ya ditsela ke dingwe ya ditiro tsedi bonalang tse phathi e rileng e tlaa di dira. Kwa phuthegong eo, go ne ga amogelwa maloko a masha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOODHOPE

Event : Bokopano jwa BDP

Date : 16 Apr 2024