Breaking News

Makhanselara a tshwentswe ke tlhaelo ya metsi

16 Apr 2024

Makhanselara a kgaolo ya bokone botlhaba ba supile fa ba sa je di welang ke seemo sa tlhaelo ya metsi mo metseng mengwe ya kgaolo ya bone.

Ba supile seo mo phuthegong e e faphegileng ya khansele, e ba neng ba buisiwa ke mogolwane wa koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) Rre Gaselemogwe Senai ka Labotlhano.

Ba re go thona gore e re kgaolo ya bone e dikaganyeditswe ke matamo a matona a Ntimbale, Dikgatlhong le a mangwe, e bo e le mo tlhaelong e e kalo ya metsi, ba bolela fa banni ba metse e e amegang ba kokonelwa ke lenyora.

Bangwe ba tlhalositse fa metse ya dikgaolwana tsa bone e kgona go nna malatsi a ka tshwara mane kgotsa beke go sena thothi e e tswang mo dipompong, fa bangwe bone ba supa gore fa ba ka latswa ke tlhware mme metsi a goroga, ga a goroge mo dintlheng tsotlhe tsa motse.

Ka jalo, ba kopa gore WUC e baakanye mealo ya phatlalatso ya metsi go tswa fela kwa metsweding le mo metseng ya bone gore metsi a kgone go goroga kwa metseng le go fitlhelela banni botlhe. 

Mokhanselara wa kgaolwana ya Ditladi, Rre Malomo Maano a re letlhoko la metsi le kgoreletsa dithuto mo dikolong dingwe, a a fa sekai ka kgoreletso e gangwe le gape e nnang teng kwa sekolong sa ithutelo ditiro tsa diatla, se se kwa Ditladi.

Mokhanselara wa Senyawe, Rre William Titose le wa Siviya Rre Bakani Badziili ba boletse fa kwa dikgaolwaneng tsa bone ba setse ba ikaegile ka metsi a didiba, mme sebe sa phiri e le go bo a le letswai, mo a senyetsang batho didirisiwa.

Makhaselara a tsweletse ba supa WUC ka monwana, ba kaya fa bodiredi jwa yone bo le maoto a tshupa go tsibogela go baakanya go dutla ga metsi, mo ba tlhalositseng go aname le kgaolo, ba re go ngomola pelo go bona metsi a tshologa mme batho ba le mo lenyoreng.

Ba ne ba lekodisa mogolwane ka selelo sa batho tebang le dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya metsi.

Fa a gatelela ka letshwenyego la go dutla ga metsi, mokhanselara wa Zwenshambe, Rre Never Mabutho a re metsi ao, a a tshologang gongwe le gongwe a ganetsa moono wa WUC wa 'Somarela thothi’.

Mokhanselara wa Mulambakwena, Rre Mbaakanyi Smart a re o bona go le botoka fa WUC e ka gokelela batho dipompo tse di dirisang dikarata tsa theko ya metsi, a supa fa e le yone fela tharabololo ya selelo seo, sa dituelo tsa metsi se batho ba nnang ba lela ka sone gangwe le gape.

Mabapi le seemo sa metsi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, makhanselara a ne a dumalana ka bongwe fela jwa pelo mo phuthegong e e fetileng, go kopa tona wa lephata la ditsha le ditirelo tsa metsi go tla go ba buisa le bone ba mo lekodisa ka seemo sa metsi.

Le ntswa Rre Senai a ne a leka go tlhalosa ka dikgwetlho tse ba nang natso le diphosego dingwe tse di nnileng teng mo phatlalatsong ya metsi mo kgaolong eo ga mmogo le maiteko a ba a dirang go tlhomamisa gore seemo se a tokafala, fela seo se ne se sa supe se busetsa dipelo tsa makhanselara mannong.

Makhanselara ba re ba ne ba na le tsholofelo e kgolo ya gore tlhabololo e ba e roletsweng bosheng ya phatlalatso ya metsi, e tlaa rarabolola seemo sa tlhaelo ya metsi mo kgaolong.

Bangwe ba makhanselara ba akaretsang ba supile fa ba le bete se molangwana go bo tona a sa diragatsa kopo ya gotla go ba buisa.

Mokhanselara Titose a re tumelo ya gagwe ke gore tona ka e le lepolotiki jaaka bone, ke ene a ka arabang matshwenyego la bone botoka.

Fa a araba kgang ya theko ya metsi ka dikarata, Rre Senai o kaile fa ba le mo dithulaganyong tsa go dira seo, a re mme kgokelo eo ga e kake ya dirwa nako e le nngwe mo mafelong otlhe a lefatshe leno ka bophara.

O tlhalositse fa le bone seemo se, sa tlhaelo ya metsi kwa metseng mengwe ya kgaolo eo se ba tshwenya fela thata, a supa ba le mo thulaganyong ya go reka dikoloi go akarediwa le tse di rwalang metsi go netefatsa gore metse e e amegileng e isediwa metsi, e le maiteko mangwe a go bepisa seemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Apr 2024