Seemo sa bogodu se wetse tlase kwa Maralaleng
15 Apr 2024
Banni ba Maralaleng mo kgaolong ya Tsabong ba akgotse puso go bo e arabile selelo sa bone go ba thusa ka mophato wa sepodisi sa Special Support Group (SSG) ka ngwaga wa 2022 ba tshwaraganye le ba sesole sa Botswana (BDF) morago ga gore ba bo ba sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa loruo jo bo neng bo ile magoletsa mo motseng oo ka ngwaga wa 2022.
Ba buile se ka Labotlhano jaaka ba ne ba abelwa semmuso moriti wa dipalamo tsa setshaba (bus stop) ke ba sepodisi sa Botswana morago ga gore ba kope thuso eo jaaka tona wa tsa itshireletso Rre Kagiso Mmusi le mookamela mapodisi a Botswana ba ne a etetse motse oo.
Sebui sa tlotla Deputy Divisional Commander South Israel Tuelo fa a bula semmuso leobo leo o o supile fa mapodisi ba tsweletse ka mowa wa kutlwelo botlhoko wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka matlo a boroko lefatshe leno ka bophara.
A re mo loetong lwa ga tona Mmusi bosheng mo motseng oo morafe wa kopa thuso ya leobo le ba ka tshabelang mo go lone fa ba emetse dipalamo tsa setshaba go itshireletsa mo diemong tsa tlholego di tshwana le diphefo, dipula, letsatsi le mariga ka ebile tsotlhe di le bogale thata mo kgaolong eo.
O ne a bolela fa ene a rometswe ka thomo ke boeteledipele jwa sepodisi mme ba ne ba gwetlhwa gape ke gore banni ba motse oo ke bangwe ba ba tseelang kwa godimo le go tshwaragana le mapodisi mabapi le tshwantsho borukutlhi ka komiti ya Ikgaratlhele Cluster.
A re ka ngwaga wa 2022 komiti ya twantsho borukutlhi ba ne ba abelwa seetsele sa go dira sentle sa (Best Practice Award) mo dietseleng tsa ba sepodisi mo kgaolong ya N0 9 District tsa go lemoga dikomiti tse di dirang ka bonokopila mo go tsa twantsho borukutlhi a supa “fa ntsa go fiwa teleki”.
O boletse fa le ntswa ba sepodisi ba tlhaelelwa ke madi mme ba ne ba leka ka bojotlhe go thusa morafe wa Maralaleng ka koloi ya sepodisi go thusa mo go tsa borukutlhi le madi aa kanang ka P20 000 mo ngwageng ono oo mo kagong ya moriti (bus shelter).
O ne a phophotha legetla komiti ya ditlhabololo tsa motse VDC go bo madi ao a wetse mo diatleng tse di siameng ebile ba a dirisitse ka botswerere ka fa go tshwanentseng ka teng.
O phophothile legetla badiri ba SSG le ba BDF go bo ba dirile ka natla go kokobetsa seemo sa bogodu jwa loruo kwa motseng oo bo bo neng bo tlhorontsha banni ka loruo lwa bone lo ne lo utswiwa ka go tlodisiwa molelwane go ya Afrika Borwa.
Rre Tuelo o ne a supa ka go rurifatsa fa ba sepodisi ba gatisitse dipalo tsa bogodu jwa loruo di le lesome le bongwe ka 2022, fa 2023 di le tlhano le e le nngwe mo ngwageng ono go fitlha mo nakong ya gompieno, selo se se supang fa bo wetse tlase.
O ne a gakolola batsadi go bua le bana ba bone ka seemo sa bogodu jwa loruo mme ba tlogele “go bipa mpa ka mabele” gore motse oo o tswelele ka go robalelwa ke ditlhokwa.
Rre Tuelo o ne a kopa morafe go tlhokomela leobo la maemelo a dikoloi tsa setshaba ka nako tsotlhe gore le tle le kgone go ba solegela molemo mo sebakeng se seleele. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo (VDC), Rre John Hengari, fa a bua ka motlhala wa tiro eo o boletse fa morago ga go amogela dithuso go tswa kwa go ba sepodisi ba ne ba tsenya ditlhogo go buisana le morafe ka fa leoba ba ka lo dirang ka teng.
O bolete fa ne ba felela ba dumalana le moagi gore o ka ba lopa madi aa kanang ka P14 000.00 go aga leobo le feleletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Pulo semmuso ya moriti wa dipalamo tsa setshaba
Date : 15 Apr 2024