Ba lephata la diphologolo ba tshwere tlou
15 Apr 2024
Morago gago utlwalela tlou e neng e timeletse mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, kwa Bray le dipolase tsa Banyana Farms, ba lephata la diphologolo le makgabisa naga mo kgaolong ya Tsabong ba ne ba tsiboga ka bofefo gore e saka ya nna borai mo matshelong a batho.
Mo potsolotsong, mogolwane wa lephata la Diphologolo le Makgabisa Naga mo kgaolong ya |Tsabong, Mme Thatayaone Menyatso, a re tlou eo e go belaesega e tlhagile kwa lefelong la tshomarelo diphologolo la Central Kgalagadi Game Reserve (CKGR) bosheng.
A re ba amogetse pego ka mongwe, a supa fa ba bone maroo a tlou kwa Bray, selo se a supileng fa se sa tlwaelesega ka go sena ditlou mo kgaolong eo.
Mme Menyatso a re tlou eo e ne ya tlola molelwane go tsena mo dipolaseng dingwe kwa Afrika Borwa mme morago ya boela mo Botswana. A re dipelaelo ke gore tlou eo, e tonanyana e tshabile kwa CKGR morago ga go lwela taolo ya lefelo le o le tse dingwe ka jalo ya felela e timeletse kwa Kgalagadi borwa
A re morago gago tsaa tshwetso ya gore e bolawe, dinaka tsa yone di ne tsa ntshiwa mo go yone tsa bewa kwa mabolokelong a sireletsegileng, morago morafe wa fiwa sebaka sa go e gopela. Masalela a tlou eo, a tlaa tshubiwa.
O tsweletse a re o lebogela tirisanyo mmogo ya maphata a diphologolo mo gae le Aferika Borwa ka gore ba kgonne go tsiboga ka bofefo go ntsha phologolo e borai mo lefelong le e sa tlwaelesegang go fitlhelwa teng, ka e bile e ne e galefile morago ga gore o gobadiwe mme ya seka ya baka tshenyo kana dikgobalo dipe.
O tlhalositse gore palo ya ditlou e a oketsega kwa CKGR mme seo se baka kgotlhang fa gare ga diphologolo le batho ka jaanong diphologolo di felela di tsena mo lefatsheng la morafe le ko mafelong a di sa tlwaelesegang mo go one.
A re go a itshupa ka bonya, ka bonya gore diphologolo di tsena mo mafelong a e seng a tsone a tlholego, ka jalo ba tsweletse ka go ipaakanyetsa go lepalepana le diphetogo tse.
Mme Menyatso a re ngwaga le ngwaga diphologolo tse di oketsegang bobe jaaka ditlou mme di felela di anama le mafelo a di ntseng di seyo mo go tsone, go dirwa maiteko a go di fokotsa ka go ntsha palo e riling e fiwa mokgotla a morafe go di rekisa gore ba kgone go itlhabolola ka tsone le gone go fokotsa kgotlhang e golela pele ya batho le diphologolo tsa naga.
A re ba tshwenngwa ke gore batho le bone ba tsweletse ka go ba atumela mafelo a diphologolo mme seo se oketsa kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo, ka diphologolo di felela di ba senyetsa, ka jalo a kopa gore ba nnele kgakala thata le mafelo a tshomarelo diphologolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : POTSOLOSO
Date : 15 Apr 2024