Banni ba rotloediwa go phepafatsa tikologo
14 Apr 2024
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Jeremiah Tibi, o gwetlhile banni go phepafatsa tikologo, go fokotsa go tlhagoga ga malwetsi le go thusa go ngoka bagwebi.
Rre Tibi o buile se bosheng fa khansele e ne e bolotsa letsholo la go phepafatsa tikologo ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Phepafatsa Botswana.
O supile fa ba tshwentswe ke mokgwa o sa jeseng diwelang wa banni ba ba gasagasang matlakala mo mekgwatheng le mororo go na le ditanka tse go latlhelwang matlakala mo go tsone.
A re matlakala a a latlhelwa mo mafelong a setshaba jaaka fa go go itapolosiwang teng mo ditseleng gammogo le mo ditsheng tse di abilweng mme di ise di tlhabololwe.
O ne a kgala mokgwa o a bo a gwetlha setshaba go fetola maitsholo ka go somarela tikologolo gore e solegele dikokomane molemo mo isagong.
Rre Tibi o tlhalositse fa khansele e itomile molomo wa tlase go diragatsa maitlamo a go phepafatsa lefatshe ka go simolodisa phepafatso e tshwaraganetsweng mo metseng yotlhe e mo kgaolong.
A re tiro ya go phepafatsa e tlaa tshwarwa kgwedi le kgwedi.
O tlhalositse fa khansele e tsweletse ka go diragatsa maiteko a yone a go rotloetsa bophepa, ka go tsaya matlakala mo malwapeng le mo mafelong a ditirelo le go tlhoma ditanka tsa matlakala mo mafelong a setshaba go ralala kgaolo, go itsa go latlhelwa ga matlakala gongwe le gongwe.
Rre Tibi o gwetlhile ba-tsaya-karolo botlhe go dira ditiro tse di tlaa tokafatsang bophepa le tshomarelo tikologo, a supa fa tikologo e e leswe e paledisa maiteko a puso go ngoka bagwebi le babeeletsi mo lefatsheng leno.
A re ba tlaa tswelela ka go ruta setshaba ka methale e e siameng ya go somarela matlakala. Rre Tibi a re go a swabisa fa khansele e leka mme ba-na-le seabe bangwe bone ba nna maoto a tshupa go diragatsa le go tsenelela dithuto tsa tshomarelo tikologo mme a re seo, se felela se paledisa maiteko a bone a go lwantsha matlakala mo kgaolong.
A re go tlhoka go tsibogela dithuto tseo, go ka baya matshelo a batho, diphologolo le dimela mo diphatseng ka di tlaabo di tshelela mo tikologo e e kgotlhelesegileng.
Go tlhagoga ga malwetsi le dintsho ntateng ya tikologo e e kgotlhelesegileng o kaile fa go ka nna le seabe mo go phutlhameng ga seemo sa itsholelo ya lefatshe, segolo bogolo makalana a ikaegileng ka tsa tikologo.
Mokwaledi wa Khansele ya Ghanzi, Rre Samuel Aron, ene o tlhalositse fa letsholo la Phepafatsa Botswana le simolodisitswe semmuso ka kgwedi ya Mopitlo mme le itebagantse le Motswana mongwe le mongwe go inaakanya le ba na-le-seabe ba bangwe, go netefatseng gore ba tshwaraganela tiro ya go phepafatsa kgaolo tsa bone.
Rre Aron o supile gape fa letsholo le le gwetlha mongwe le mongwe go fetola maitsholo ka go dirisa matlakala go dira letseno la madi gammogo le go ithusa ka fa ba a latlhang ka teng go babalesegile. O supile fa ka seemo sa matlakala se sa jese diwelang, khansele e tlaa tlamega go sekaseka melao ya yone, go bona gore fa go tlhokafalang teng ba gagamatse setoropo, fa Kgosi Annah Rankho e ne a gwetlhile setshaba go tsaya maikarabelo ka matlakala.
A re mafatshe a mangwe a ipela ka bophepa ka jalo o gwetlhile banni ba Ghanzi go nna sekao le bone. O ba gwetlhile go tsenelela le go diragatsa dithuto tse ba di neelwang ke ba khansele le makalana a mangwe a a itebagantseng le tsa tshomarelo tikologo.
Kgosi Rankho, o gwetlhile khansele go etela Namibia, go ya go tsaya malebela mme ba tle go lekeletsa methale ya baagisanyi ka kwano go fetola seemo sa matlakala mono. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : GHANZI
Event : Letsholo la go phepafatsa tikologo
Date : 14 Apr 2024