Boko o abetse kgotla ya Xhosa 1 ditilo
14 Apr 2024
Mopalamente wa pele wa Mahalapye botlhaba, Rre Yandani Boko o abetse kgotla ya Xhosa 1 kwa Mahalapye ditilo di le 150 bosheng.
Rre Boko yo o tlogetseng sepolotiki bosheng le kgaolo ye a neng a e emetse ya Mahalapye botlhaba, o boletse fa a sa bolo go solofetsa go aba ditilo mo dikgotleng tse e neng e le tsa kgaolo ya gagwe mme dikgwetlho tse di mo tlogedisitseng tsa mo hekeetsa go aba ditilo tseo.
A re o setse a abetse dikgotla tse dingwe ditilo a ntse a tlogetse tiro, e le go diragatsa tsholofetso ya gagwe.
O tlhalositse se mo phuthegong e e neng e biditswe ke tona wa madi, Mme Peggy Serame kwa kgotleng ya Xhosa 1 kwa Mahalapye ka Labone.
A re o tlogetse a sa laela batlhophi ba gagwe mme seo a se kopela maitshwarelo.
Rre Boko o tlhalositse fa a le teng kwa Mahalapye, a ka thusa mo kgaolo ka dikgang tsa semolao le go thusa kwa dikoleng. O boletse fa a ne a rakana le dikgwetlho tse di thata mme a bona gore a tlogele.
Fa amogela ditilo, Kgosi Edward Nyoka Xhosa 1 o supile boitumelo a bo a bolela fa kgotla e ne e sena ditilo tse di nniwang ke morafe. O kaile fa a sa bolo go emela ditilo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MAHALAPYE
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 14 Apr 2024