OFMB e atolosa madirelo
14 Apr 2024
Khamphani e e dirang dijo tsa leruo le menontshane ya dijwalo ya Organic Fertilisers Manufacturer Botswana (OFMB) e tlaa tlhoma kgwebo ya bone kwa Masama.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, motshwarelela kgosi ya Bakgatla Kgosi Bana Sekai o tlhalositse fa khamphani ya OFMB e e ntseng e direla kwa Mmamashia e tlaa atolosa madirelo a yone.
O tlhalositse fa kgosi kgolo ya Bakgatla, Kgosi Kgafela Kgafela wa bobedi a dumalane le mong wa khamphani e go dirisa lefatshe la Masama la 1 000 hectares gore go dirwe theko le thekiso ya menontshane le dijo tsa leruo teng.
O tsweletse a re lenaneo le la kgwebo ya go nna jaana le tla a bo le le mo magatong a mararo la ntlha e le le mo go yone khamphani e e tlaa bong e fiwa dingwaga di le masome a mabedi le botlhano e ntse e gweba go rurifatsa fa kgwebo e ka dira letseno.
Legato la bobedi e tlaabo ele le mo go lone go tlaa bong go amoganwa dikitso magareng ga rakgwebo le Bakgatla ka kakaretso gore le bone dikitso tsa temo ya menontshane e e ka rekisetswang mafatshe a sele ba nne le yone, fa la boraro e tlaa bo ele le mo go lone morafe o tlaa bong o busetswa lefatshe la bone go dira kgwebo.
Kgosi Sekai a re go dira jaana go tlaa tswela Bakgatla mosola ka ba tlaa nna le tshiamelo ya go amogana dikitso le baitseanape ga mmogo le go tlhamela ba ba sa berekeng ditiro. O tlhalositse fa ditumalano tsa go nna jaana di nnile le mokwalo ga ba ga saenwa go rurifatsa fa go sena matshosetsi ape a tshenyetso sechaba.
Mo go tse dingwe kgosi o ne a ngongorega ka modumo mo motseng, a supa fa marekisetso a bojalwa jaanong a phadisanya le dikereke ka modumo, selo se se kgoreletsang ledula mo motseng. O gwetlhile mapodisi go dira se se tshwanetseng go busetsa motse mo taolong.
Bakgatla ba ne gape ba istisiwe ka pulo semmuso ya leobo la Bakgatla e e tlaa dirwang ka Motsheganong a tlhola ga tlhano e dirwa ke Kgosikgolo Nchaupe Makapan wa boraro wa Bakgatla ba ga Mosetlha.
Ka jalo, Kgosi Sekai o kopile Bakgatla go berekisana sentle le ba komiti ya pulo semmuso ya leobo go netefatsa gore tiro e e tsamaya ka thelelo.
Fa a tswa la gagwe tona wa tsa papadi le madirelo yo gape eleng Mopalamente wa Kgatleng Bophirima Rre Mmusi Kgafela o supile fa tshwetso e e tserweng ke kgosikgolo ya go letlelela khamphani ya OFMB go dira kgwebo mo Kgatleng ele botlhokwa ka e ka tswela morafe mosola.
“Letlole la Bakgatla le tlaa dika le na le letseno le le botoka fela thata ka bontlha bongwe jwa madi a tlaa bong a dirilwe ke kgwebo a tlaa bo a tsenngwa mo letloleng go ya ka ditumalano tse di dirilweng,” ga bua jalo Rre Kgafela
O gwetlhile beng ba masimo a a dikologileng Masama go sa rekisa masimo a bone ka ba na le sebaka sa go rekisetsa khamphani ya OFMB ditlamelo dingwe tse e tlaa di tlhokang go nolofatsa kgwebo.
Fa a kgwa Kgosi Sekai kgaba ka modumo o o diragalang mo motseng, Tona Kgafela a re o etse tlhoko gore bontsi jwa marekisetso a nnotagi gammogo le dikereke di tsosa modumo o o feteletseng, a rotloetsa batho go dira se se tshwanetseng go itsa go gotlha-gotlhana le molao. A re molao wa Liquor Act kana wa nnotagi ga o na ditsetlana tse di buang ka modumo mme ba tlaa dira ka bojotlhe go netefatsa gore o a baakanngwa.
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng Rre Daniel Molokwe o neseditse mafoko a ga Kgosi Sekai pula, a supa fa Bakgatla ba tlaa amogana dikitso mme morago ba kgone go itshetsa fa khamphani ya OFMB e setse e simolodisitse kgwebo.
O gakolotse morafe go kgaogana le mafoko a a seng boammaaruri a gore lefatshe la morafe la Masama le rekisitswe, a re dikgang tsa go nna jaana di thuba morafe ka bogare mme di die ditlhabololo go tswelela pele mo kgaolong.
Rre Molokwe a re ele ba khansele ba tlaa dira ka bojotlhe go busetsa ledula mo motseng. A re dikgwebo kgotsa dikereke tse di tlaa fitlhelwang di tsositse modumo di tlaa tseelwa diteseletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : MOCHUDI
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 14 Apr 2024