Breaking News

'Tiriso ya diritibatsi ga e jese diwelang

11 Apr 2024

Kgolo ya tiriso le thekiso ya diritibatsi ke nngwe ya diemo tse di sa jeseng diwelang kwa Ramotswa. 

Go methale e le mentsi e e ka dirisiwang go hema diemo le kgolo ya tiriso ya ditagi le diritibatsi, nngwe ya methale e, ke go nna le boeteledipele jo bo nang le boitemogelo jo bo rileng e bile ba ka nna dikao mo go ba ba ba eteletseng pele. 

Kgosi ya Balete, Kgosi Mosadi Seboko o buile jaana mo thuto-puisano e e neng e tshwerwe ke ba mokgatlho wa Letlhapisa Le Lengwe ka Laboraro kwa sekoleng sa Thuto Boswa Rehabilitation Centre kwa Ramotswa. 

Modulasetilo wa mokgatlho o, Mme Tebogo Motsumi a re thito kgolo ya thuto-puisano e, e ne e le go tlhatlhelela bogogi ebong dikgosana tsa motse ka dikitso, go ntshafatsa kitso e ba ntseng ba na le yone le gone go arogana megopolo ka tsotlhe tse ba ka di dirang go lwantsha seemo sa diritibatsi mo motseng. 

Kgosi Mosadi o ne a supa gore tshwaragano magareng ga boeteledipele, dikgosi, batsadi, sepodisi le bommaboipelego e botlhokwa mo go ageng maitsholo a bana. 

Moruti Thabiso Segatlhe o ne a bua gore, ‘go botlhokwa go ntshafatsa kitso gore o tle o tsamaye mo dinakong.’ 

Moruti Segatlhe o rotloeditse dikgosana go ikatametsa metswedi ya dikitso tse di maleba ka kgogo ya boeteledipele mo diemong e tlhoka bone bogogi jo bo nang le kitso go ka tsaya ditshwetso go hema diemo le dikgwetlho tse di amang malwapa, dikgotlana le morafe ka kakaretso.

O supile gape gore ikatiso ya maikutlo o le moeteledipele ke sengwe se se maleba ka se netefatsa ditshwetso le dikgalemo tse di tserweng ka maikutlo a a ritibetseng mme di tsewe e le tsone ditshwetso tse di maleba. 

O ne gape a kgothatsa bogogi jwa motse segolo jang dikgosana go aga legae la morero maikaelelo e le go tshwaraganela diemo tse di amang morafe le setshaba ka kakaretso. 

Mo puisanong le ba sepodisi, Sub Inspector Rebaone Matshaba o ne a gatelela gore kgolo ya tiriso ya diritibatsi tse di sa letlelesegeng ga e jese diwelang kwa Ramotswa. 

A supa gore gotswa goo-Lowe nngwe ya diritibatsi tse di ntseng disa jese diwelang mo kgaolong ntse e le motokwane mme mo bompienong ‘tagi e e tlwaelesegileng ka leina la Katse e re tshwarisitse bothata, e tsena ka bokete jo bo kwa godimo mo motseng.’ 

O ne a supa gore  ba sepodisi ba itemogetse gore ‘katse’, e dirisiwa thata ke bana ba dingwaga tse 18-24, ba ba setseng ba le mo seemong se ba ka se tsheleng kwa ntle le go dirisa diritibatsi tse mme e re phelelong ba feletse ba nna borai mo setshabeng. 

Rre Matshaba a re ba itemogetse gape gore ‘barekisi ba diritibatsi tse, ba dirisa kgwebo ya semausu go latlha motlhala wa kgwebo ya bone ya mmangmang.’ 

O tlhalositse go re  ba sepodisi ba ntshitse bangwe ba bone go tsena mo motseng maikaelelo e le go lwantsha le go fitlha kwa moding wa tsone diritibatsi tse. 

“Go nonotsha gape maiteko a, re rotloetsa gangwe le gape lenaneo la ntebele ke go lebele”, a tlhalosa. 

A boa a akgola ba mokgatlho wa Letlhapisa Le Lengwe ka maiteko a bone a go rutuntsha bogogi jwa motse ka tsone diritibatsi le maele a a maleba go tsaya ditshwetso go lwantsha diemo fa di  ntse di gola mo motseng. 

A re maiteko a, ke thuso e tona e e tlaa reng ka moso ba kgone go kopa thuso mo bogoging jo bo nang le kitso ya go lwantsha seemo se. 

Mo thuto-puisanyong e, magosi a ne a kgala batsadi ba ba bipang kgang tse ka mabele ba sa di lebise ba ba maleba, ba supa fa se le sone se rotloetsa borukutlhi le tiriso ya ditagi le diritibatsi mme ba sepodisi ba retelelwe ke go dira tiro ya bone. 

Ba gwetlhile ba sepodisi go gagamaletsa barekisi le badirisi ba diritibatsi molao. Mo godimo ga moo ba kopile gore  go sekasekwe molao o o lebaganeng barekisi le badirisi ba diritibatsi tse di sa letlelesegeng mo lefatsheng la Botswana. 

Mme Motsumi a re mokgatlho wa Letlhapisa Le Lengwe o simolotse semmuso ka ngwaga wa 2016 maikaelelo e le go ruta ka bodiphatsa jwa nnotagi,  diritibatsi tse di sa letlelesegeng,  go  lwantsha le go emisa ditagi le diritibatsi mo motseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : RAMOTSWA

Event : Thuto Puisanyo

Date : 11 Apr 2024