Botswana Speaks e amogelesegile
11 Apr 2024
Lenaneo la Palamente la Botswana Speaks le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa seabe sa setshaba mo pusong ya batho ka batho le ratilwe ke Batswana thata.
Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Onneetse Ramogapi fa a ne a buisa banni ba Palapye ka Labobedi, Moranang 9, kwa tirong ya go arogana le bone ka lenaneo le.
Rre Ramogapi a re lenaneo la Botswana Speaks le ne la lekelediwa kwa dikgaolong di le nne e bong South East South, Nata/Gweta le Maun West ka ngwaga wa 2013 ka kgwedi ya Moranang go fitlha ka 2014 ka Mopitlo mme pego ya tekeletso ya bewa fa pele ga Palamente ya bolesome ka 2014, morago ga gore maduo a supe fa lenaneo le ka kgonega e bile le le molemo.
A re maikaelelo magolo a Botswana Speaks ke go akaretsa Batswana, go nna karolo ya melao e e dirwang le ditshwetso tse di tsewang ke lefatshe, ka go dirisa maranyanae go ikgolaganya le baemedi ba bone.
O kaile Botswana Speaks, e gokagana batlhophi botoka le baemedi ba bone e bile mapalamente ba nna le kitso e e botoka ka matshwenyego le megopolo ya setshaba.
Rre Ramogapi o tlhalositse fa lenaneo la Botswana speaks le atumetsa mopalamente gaufi le motlhophi ka maranyane mme le ikaegile mo go ageng puso le palamente e e tsibogelang go tokafatsa ditirelo ka bofefo.
A re lenaneo le, le neela Batswana lentswe le sa tlogele ope kwa morago ka maikaelelo a go nonotsha le go fokotsa pharologanyo e e teng magareng ga therisanyo ya setso mo dikgotleng le maranyane a sesha.
O tlhalositse fa Botswana Speaks e ikaegile ka maranyane gore Batswana ba kgone go romela matshwenyego le megopolo ka melaetsa ka khomputara le megala ya letheka.
Ka jalo, Rre Ramogapi a re badirisi ba lenaneo ba tshwanetse ba ikwadise pele ka maranyane gore ba kgone go romela matshwenyego kana megopolo e e amogelwang ke mopalamente mme ba ba busetse phetolo ka dipotso tse ba di boditseng.
A re ka Botswana Speaks, Batswana ba kgona go nna le sebaka sa go nna karolo ya dipuisano tse di buiwng kwa Palamenteng ka le kgontsha mapalamente le batlhophi go nna le neelano ya dipuisano mme se, se tlhofofatse tirisano mmogo magareng ga mapalamente, setshaba le puso.
Rre Ramogapi o supile fa mo bontsing jwa sebaka, batho ba le bantsi ba tshaba go dirisa maranyane go tlhaeletsana ka lebaka la gore go na le borukutlhi jo bo ntsi mo maranyaneng le go dirisa botlhaswa ditsompelo tsa boranyane ke batho bangwe.
O rurifaditse gore mabapi le tsa semolao, puso e tshwaragane le Palamente ka go tswelela e dira melao e e tlaa thusang tiriso ya maranyane jaaka melao e tshwana le Cybercrime and Computer-related Crimes Act of 2018, go sireletsa Batswana gore ba seka ba tswa setlhabelo mo tirisong botlhaswa ya maranyane.
A re Botswana Speaks e tlhoka le gore modirisi a tsenye maina a gagwe ka botlalo mme molao wa Data Protection Act of 2018 o ikaeletse go tlhoma leitlho tshireletsego ya modirisi.
Mogakolodi wa melao wa Palamente, Advocate Lentswe Tlhowe a re molao o e leng one o motona mo melaong yotlhe mo Botswana e bong molao motheo wa lefatshe, o fa Palamente maikarabelo mo dilong di le tharo e leng go dira melao ya lefatshe, ke kemedi, le go tlhodumela gore a puso e dira se se tshwanetseng.
A re mopalamente ke moemedi wa kgaolo mme se a se buang kwa palamenteng o a bo a se dira mo boemong jwa banni ba kgaolo ya gagwe ka o a bo a romilwe ke bone. O supile fa mopalamente a sa nne le batlhophi ka dinako tsotlhe ka o kgona gore a romiwe.
A re se se ne sa supa gore ga go a tshwanela gore go golagana le mopalamente a bo a le gone foo mme, go ka golaganwa le ene ka maranyane.
Advocate Tlhowe a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a gwetlha Batswana go fetola dikakanyo mme go a supafala gore mongwe le mongwe o ikemiseditse go fetoga go akaretswa le bagolo.
A re Botswana Speaks e gabedi, go na le mo Motswana a ntshang mogolopo wa gagwe a kopa kitso kana a botsana le ba bangwe gore go ka dirwa eng mme mopalamente o ka fetisa se se builweng e bile go na le mo Motswana go tweng a ipuelele kana a ntshe matshwenyego a gagwe a bo a reediwa a bo a gakololwa gore a dire jang.
A re Botswana Speaks e rotloetsa kana e fa Batswana nako ya go ipuelelela mme ba tshwanetse ba dirise sebaka se. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Mopalamente
Date : 11 Apr 2024