Breaking News

Dikoloti o abela Machana sediba

11 Apr 2024

Go nna teng ga metsi go botlhokwa mo setshabeng ka go fa batho tshiamelo ya go inaakanya le mananeo a a farologanyeng a itshetso. 

Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti o buile se ka Laboraro fa a ne a etetse metse e le metlhano ya kgaolo eo go lekola seemo sa ditiro tsa ditlhabololo tse go dirwa ga tsone go tsweletseng. 

Kwa Machana kwa a neng a ile go lekola tiro ya go phunngwa ga sediba, Dr Dikoloti yo gape a leng tona wa lephata la botsogo, o boletse fa metsi a sediba seo a tlaa fetola matshelo a batho ba Machana le Motsentshe. 

A re mo godimo ga gore a tlaa nyeletsa lenyora le le ntseng le ba aparetse, metsi ao gape a tlaa ba letla go dira ditiro tse di farologanyeng tse ba ka itirelang letseno ka tsone di akaretsa temo ya merogo le go nosa leruo. 

Dr Dikoloti a re mananeo a mangwe a puso a tokafatso matshelo le itshetso a ikaegile ka go nna teng ga metsi, mme a supa fa kwa Machana le Motsentshe banni ba ntse ba sa kgone go a akola ka ntlha ya boseyong jwa metsi.  A re se jaanong e tlaa nna puo ya maloba, ka jaana sediba seo se se phunngwang e le mpho ya gagwe mo morafeng se tlaa araba selelo se se ntseng se lelwa koo tebang le letlhoko la metsi. 

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Motsentshe, Mme Mmantshipi Nareetsile o amogetse mpho eo ya mopalamente wa bone ka diatla tsoo-pedi. 

A re e ya go fetola selebego sa metse ya bone ka jaanong ba tlaa kgona go itlhabolola ka go aga le go fetlha letseno ka ditsela tse di farologanyeng. 

Mme Nareetsile a re e re ka komiti ya bone ya ditlhabololo tsa motse e sena tsela epe ya go itirela letseno le le tlhokegang bobe go betla mosepele wa go tlhabolola le go godisa motse, sediba seo se ba tsile matshidiso ka se ba beile mo seemong sa gore ba tsholetse dikakanyo gore ba ka dira eng go kokoanya madi. 

A re dingwe tse ba tlaa di lebalebang ke go tsosolosa temo ya merogo, ga mmogo le go akanyetsa go ka dira letseno ka go bopa le go rekisa ditena. 

Mothusa-kgosi wa Machana Kgosi Tsamaase Tsamaase le ene o boletse fa mpho eo ya sediba e le maleba ka ba tswa kgakala ba motwa ke lenyora le le botlhoko. 

A re o itumelela gore le bone ba tlaa kgona go latedisa le go ikamanya le methale e e farologanyeng ya itshetso, selo se a boletseng fa e ne e ntse e le toro fela mo go bone. 

Mo godimo ga sediba se, Dr Dikoloti o lekotse ditiro tsa ditlhabololo tse di farologanyeng kwa Mmathethe, Metlobo, Tswaaneng le Magoriapitse di akaretsa go tshelwa lekgarapana le go agwa ka ditena ga ditsela, kago ya ntlo ya borutelo le ntlo ya motlhoki. 

O ne gape a lekola tiro ya kago ya maobo a kgotla kwa Mmathethe, kwa a bileng gape a ya go bona bese e e tsayang baithuti ba ba tshelang ka bogole ba sekole se se botlana sa Ramolefhe. 

Bese eo e e nang le serepodi se se faphegileng se se nolofaletsang badirisi ba dikolotsana tsa ba-na-le bogole go palama le go fologa, gape e letla bapalami go ka nna mo go yone ba le mo dikolotsaneng tsa bone, tse fa di nnang teng go nang le mabante a itshireletso. 

Go solofetswe gore e tlhofofaletse baithuti ba Special Education Unit ba sekole seo mosepele wa go ya le go boa kwa sekoleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : MACHANA

Event : Phuthego ya Mopalamente

Date : 11 Apr 2024