Breaking News

Tona o kopa tirisanyo mmogo

10 Apr 2024

Mopalamente wa Good Hope/Mabule, Rre Eric Molale o kopile badirela puso go dira tse di tshwanetseng gore ba seka gogobisa leina la mohiri mo seretseng.

Rre Molale o ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Pitsane ka Labobedi Moranang 9.

E ne erile go ke pele banni ba motse oo ba ngongorega ka boitshwaro jo ba reng ga ba bo itumelele jwa babereki ba Water Utilities Corporation. 

Segolo bogolo batho ba Pitsane ba ne ba lela ka mokgwa wa badiri ba khamphani ya metsi wa go tsena mo malapeng ba kgaola metsi ntle le go ba rerisa.

Ba re se se botlhoko ke gore ka dinako tse dingwe le one madume fela a a sa jelweng pheko a a ba palela.

Ba supile gape gore ba ngongorega ka go re ba kgona go nna lobaka lo loleele ba le mo lenyoreng.

Fa a tswa la gagwe, Rre Molale o tlhalositse fa dikgang tseo di leswafatsa leina la puso ya lefatshe leno e e itsegeng ka morero le tirisanyo mmogo.

O supile fa go le botlhokwa gore badirela puso ba itse gore ba tshwanetse go sala ditsamaiso morago, mme ba thuse Batswana ka maitseo ba setse molao morago, go sa kgathalesege gore sengwe ga se a tsamaya sentle se tshwana le go kolota metsi.

“Tsholofelo ke gore lo obamele melao le phitlhelelo tse puso e di solofelang mo go lona,” a bua jalo a tlatsa ka go re babereki ba Water Utilities fa ba batla go kgaola metsi, ba tshwanetse go rerisa beng ba malapa pele mme fa go kgonagala ba dumalane gore go ya pele go dirwa jang go na le go tabogela go kgaola metsi.

O kopile banni ba Pitsane gore le bone ba itlwaetse go duelela metsi ka nako go hema go gogagogana le bodiredi.

Rre Innocent Leonard wa Water Utilities Corporation ene o supile fa seemo sa metsi se santse se le kwa tlase mme tsholofelo e le gore mo bogaufing seemo se bo se bepile.

O supile fa go santse go na le tiro e e dirwang ya go phatlalatsa metsi go tswa kwa bokone jwa lefatshe leno, mme a re fela fa e ya motsubong, selelo sa lenyora le sone se tlaa bo se fela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : PITSANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 Apr 2024