Ikgapheng mo dikotsing tsa tsela - Sechoni
10 Apr 2024
Mookamela mapodisi a pharakano mo kgaolong ya Tsabong, Superintendent Kgosienalerona Sechoni o gakolotse bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go ikgapha mo dikotsing tsa tsela ka go tlhomamisa gore dikoloi ba tsamayang ka tsone di itekanetse le go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe.
Superintendent Sechoni o buile se mo potsolotsong bosheng. O supile fa dikotsi gantsi di bakwa ke boitshwaro jo bo sa amogelesegeng mo ditseleng.
Supt Sechoni a re ba lemogile fa dikotsi gantsi di bakwa ke lobelo lo lo feteletseng, letsapa, go nwa bojalwa ga bakgweetsi, go tlhoka go dirisa lebante la itshireletso, go dirisa mosokela tsebeng le go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang gareng ga tse dingwe.
O gakolotse diphuthego tsa dikereke tse di farologanyeng gore fa ba le mo mesepeleng ya dikereke, ba tlhomamise gore mokgweetsi wa bone o a ikhutsa, go hema go dikotsing tsa tsela.
O ne a supa gore fa mapodisi a pharakano a dirile dikganendi tsa tsela, setshaba se ba leba e le bakgokgontshi mme a tlhalosa fa go sa nna jalo ka ba a bo ba etse tlhoko gore a setshaba se babalesegile mo mesepeleng ya bone ga mmogo le dithoto tsa bone jaaka e le maitlamo a sepodisi.
Superintendent Sechoni a re maikaelelo a bone ke gore go se nne le ope yo o amegang mo dikotsing tsa tsela mme ke sone se nako le nako ba elang tlhoko gore tsotlhe di mo seemong se se siameng fa ba dirile dikganenedi tsa tsela. jaaka boitekanelo jwa koloi ka
O ne a supa fa mo malatsing a boitapoloso a papolo ya morena ba gatisitse melato ya tsela e le 209 mme mo ngwageng oo fetileng e ne e le 305.
Mo go yone melato eo, Supt Sechoni a re bakgweetsi ba ba tshwereng ba sena ditlanakana ba ne ba le masome a mabedi le boherabobedi mo ngwageg ono le oo fetileng, go kweetsa ka lobelo lo lo feteletseng ba le 116 ngogola fa ngwaga ono ba le 83, ba ba sa diriseng lebante la itshireletso bale 24 fa ngogola ba ne bale 31.
Supurintentent Sechoni o ne a tlhalosa fa gape ba tshwenngwa ke bakgweetsi ba ba dirisang dikoloi tse di sa itekanelang ka e rile ngogola ba tshwara ba le 88 mme monogwaga ba tshwere bakgweetsi ba le 57.
Go ne ga tshwarwa ba ba kgweetsang ba nole bojwala ba le boherabobedi mo ngwageng ono le o o fetileng gareng ga melato e mengwe.
A re dikotsi tsa tsela di tshwenya thata mo lefatsheng leno, ka di felela di gapa matshelo a batho ba le bantsi mme seo se ame itsholelo ka bangwe e le barutegi fa bangwe go ikaegilwe ka bone e le batlhokomedi ba malwapa mme seo se tlame puso go tlhokomela dikhutsana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 10 Apr 2024