Breaking News

Mapodisi a Seronga a mo patlong ya monna yoo timetseng

10 Apr 2024

Mapodisi a Seronga a mo patlong ya rre wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano yo o timetseng a ile go tshwara ditlhapi.

Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA ka Laboraro, mogolwane wa mapodisi a Seronga, Superintendent Peter Masole a re rre yo o emeletse mo Seronga Mopitlo a le masome mararo le bongwe go ya go tshwara ditlhapi mo nokeng ya Okavango mme a seka a boa letsatsing leo.

Supt Masole a re ba lelwapa la rre yoo ba ne ba tshwenyega mme ya re Moranang a tlhola ga tlhano ba emelela go ya go mmatla mo makgobokgobong.

E ne ya re ba fitlha kwa o a tleng a nne teng mo makgobokgobong ba fitlhela a se yo mme ba boa ba ya go begela mapodisi.

Supt Masole a re mapodisi ba ne ba ya go batla rre yoo mme ba fitlhela mokoro wa gagwe o menogile mo nokeng, selo se se neng sa tsosa dipelaelo tsa gore gongwe mong wa one o nwetse mo metsing. A re ba kgonne go bona le didirisiwa tse dingwe tsa gagwe.

Le fa go ntse jalo, Supt Masole o tlhalositse fa ba tsweletse ka go batla rre yoo ka thuso ya batho ba motse. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : potsolotso

Date : 10 Apr 2024