Breaking News

Tlou e timeletse kwa dipolasing tsa Banyana farms

07 Apr 2024

Ba Lephata la Diphologolo le Makgabisa Naga mo kgaolong ya Tsabong ba mo letsholong la go batla tlou e e timeletseng kwa dipolasing tsa Banyana Farms gaufi le Bray mo kgaolong ya Tsabong.

Mogolwane wa lephata la Diphologolo le Makgabisa Naga mo kgaolong eo mme Thatayaone Menyatso a re lephata le amogetse pego mo mosong wa Tshipi e begwa ke ramapodisi wa Werda a supa fa ba bone motlhala o o sa tlwaelesegang mo kgaolong eo wa tlou fa gare ga Werda le  Bray.

Ba lephata la diphologolo ba ne ba tsibogela pego eo ka go ntsha lekoko go senka tlou eo, ba dirisa sefofane sa tlhoo-tomo ka Tshipi. Mme Menyatso o tlhalositse fa tlou e ne ya bonala mo polasing ya morui mongwe mo maitseboeng mme ya re fa ba ya fa fatshe go e batla ka dikoloi jaanong ga bo go setse go fifetse go ka e tshwara.

A re letsholo leo ke namane e tona ya tiro ka le ne la tswelela ka Mosupologo mme mo nakong eno go supega fa tlou eo e tsamaya mme e kile ya tsena mo polasing nngwe gape go nwa metsi.

A re go  supega fa e tsamaela kwa molapong, mme e re ka e tsamaya e le nosi ga e a dira tshenyo epe e e kalo ka ga e kgaole diterata tsa dipolasi.

Mogolwane yoo a re ditlou ga di a tlwaelesega go bonwa mo sekakeng sa Kgalagadi mme pelaelo ke gore tlou eo e ka tswa e siile kwa lefelong la tshomarelo diphologolo la Central Kgalagadi Game Reserve (CKGR) ka go a supega gore pego nngwe e amogetswe ke ba ofisi ya diphologolo ya Mabutsane mme go bonala gore le bone ba mo motlhaleng wa yone.

A re ditlhotlhomiso di tsweletse go tlhomamisa sentle gore tlou eo e ka tswa e dule jang kwa CKGR mme ba ntse ba tsweletse ka go e senka kwa Bray.

“Mo nakong eno ga re itse sentle gore go ka tswa go diragetse eng gore tlou eo e timelele ka kwano.  Go bonala  e nole metsi kwa polasing nngwe kwa Banyana Farms maabane. Pelaelo ke gore e ka tswa e kobilwe ke tse dingwe go lwelwa go laola lefelo,” a tlhalosa. Mme Menyatso a re go botlhokwa gore batho ba ipabalele mo tloung eo go itsa dintsho kana go bona dikgobalo tse di masisi.

O tlhalositse gore ope yo o ka e bonang a seka a e tshosa ka dintsa kana go e tsosetsa modumo ka gore e ka nna ya galefa mme go ka nkga go sa bola.

A re yo o e bonang a itsese ba ofisi e e gaufi ya lephata la diphologolo le makgabisa naga, ofisi ya ba sepodisi kana ofisi ya puso e e gaufi mme ba seka ba e dira sepe ka gore e ka nna diphatsa mo matshelong a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 07 Apr 2024