Banni ba itumeletse go abelwa ditsha
07 Apr 2024
Banni ba Mokokwana le Mosweu mo kgaolong ya Tswapong Bokone ba itumetse ditsha tsa bonno tse ba di abetsweng bosheng ke lephata le le botlana la kabo ditsha la Maunatlala morago go go lela ka lobaka.
Banni ba lebogile kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lerala/Maunatlala e bile e le mothusa tona ya Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Setlhabelo Modukanele bosheng.
Ba boletse fa ba sa bolo go lela selelo se se sa kgaotseng ba bolela fa go le lobaka ditsha di ntse di abilwe. Ba roletse hutshe lekgotla la kabo ditsha le mororo ba ngongorega ka gore jaanong ba beilwe mo sekgweng kwa ditsela di seyong teng.
Gape, ba re ba batla metsi le motlakase di isiwa kwa ditsheng tseo gore ba tle jaanong ba tlhabolole ka bonako ba nne le bonno jo bo phuthologileng go na le fa ba ne ba nna le ba masika go le mosuke.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mokokwana Rre Moses Otsugile o boletse fa ba kabo ditsha ba dirile tiro e ntle bogolo jang ka banana ka bontsi ba beilwe.
Modulasetilo o kopile gore tsela ya Seolwane go feta ka Mosweu le Mokokwana go ya Maunatlala e dirwe sentle go tshwaraganya metse eo.
O ngongoregile ka leswe le le kwa sekoleng se sebotlana sa Borakanelo, a bolela fa matlakala a tlaa tsenya bana bolwetse e bile mangwe dinoga di ka iphitlha mo go one.
Modualsetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mosweu Mme Bateng Banogi ene o boletse fa ba itumeletse ditsha lemmenyana le ba Ipelegeng, bagodi, le VDC ba okeledistweng ka lone.
Banni ba ngongoregile ka borukutlhi jo bo dirwang ke banana mo metseng eo, ba kopa gore mapodisi a lwantshe seemo seo. Ba boletse gape fa bogodu jwa leruo bo ba jesetsa mo kgobedung.
Kgosi Commet Baithapi wa Mosweu o boletse fa bogodu bo ile magoletsa mo bagolo ba kgothodiwang ke bana ba motse ba bo ba thuba madirelo a dikgwebo.
Kgosi o kaile fa bana ba ba sa tswang go fetsa lekwalo la botlhano ba le mo metseng ba tlhokile diphatlha go ya kwa dikoleng tse dikgolwane ka ntata ya gore ga twe maduo a bone a kwa tlase.
O kopile gore ba sekasekelwe ba kgone ba tswelele ba lese go tlhola ba lwela Ipelegeng mo gae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Mokokwana/Mosweu
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Apr 2024