Adimang madi a chema chema
07 Apr 2024
Batswana ba dikgwebo potlana ba kgothaditswe go atla letlole le lesha la Chema Chema ka go adima madi go godisa dikgwebo tsa bone.
Fa a simolodisa semmuso Chema Chema Fund kwa Maun ka Labotlhano Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane o tlhalositse fa lenaneo le tlaa tsamaisiwa ka P500 million mo ngwageng wa madi wa 2024/2025. O supile fa lenaneo leo le tlaa tsamaisiwa ke lekana la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) le Local Enterprise Authority (LEA).
Rre Tsogwane a re puso e simolodisitse Chema Chema morago ga go lemoga fa bagwebi ba ba botlana ba saletse kwa morago fa go tla mo kadimong ya madi go tswa kwa makalaneng a a adimisang madi. a
O tlhalositse fa dikgwebo potlana di na le seabe se setona mo itsholelong ya lefatshe ka e bile dipalopalo di supa fa Batswana ba le 200 000 ba bereka dikgwebo potlana.
“Bontsi jwa dikgwebo tse ditona tse di atlegileng di simolotse e le dikgwebo potlana ka fa tlase ga ditlhare le mo malwapeng mme ka ntlha ya go nna tlhaga le bopelotelele dikgwebo tse di godile mo nakong ya gompieno ka jalo le lona le tshwanetse go kgothala le bereke ka natla go godisa dikgwebo ka Chema chema.”
Rre Tsogwane o tlhalositse fa madi a Chema chema e le a kadimo mme bagwebi ba solofelwa go rulaganya le CEDA gore e tla a re morago ga kgwebo e dira sentle ba duele madi a.
A re go busa madi a go botlhokwa thata ka go tlaa thusa gore ba bangwe ba thusiwe.
O gwetlhile bagwebi go fetola megopolo ka go latlhela bofofu metswedi e tshwana le go tlhama dikgwebo tse di itebagantseng le Selebi Phikwe Citrus project le dikgwebo tse di itebagantseng le nama ya kgomo.
Mothusa Tautona kopile bagwebi gore ba dire tshekatsheko ya dikgwebo tsa bone pele ga ba adima madi gore ba tle ba kgone go tlhaloganya dikgwetlho le gore di ka rarabololwa ka tsela e ntseng jang fa madi a goroga.
Mookamedi wa CEDA Rre Thabo Thamane o tlhalositse fa lenaneo la chema chema le lebagane bao ba ba amogelang madi a kwa tlase ga P48 000 ka ngwaga gope fela kwa ba ka tswang ba bereka teng.
A re selekanyo sa madi se a farologana go ya ka gore motho o dira kgwebo ya mofuta mang a tlatsa ka gore mogwebi o ka adima bonnye jwa P500 go ema ka P50 000.
Rre Thamane a re go botlhokwa gore pele ga mogwebi a tsenya kopo a bo a ikwadisitse le ofisi ya LEA gore go tle go nne motlhofo gore kopo ya gagwe e atlege ka pela mme a kopa bao ba ba senang setlankana sa go gweba (hawkers license) go kopa mokwalo kwa go Kgosi go tlhomamisa fa motho a nale kgwebo.
O tladitse ka gore bagwebi ba dirise maranyane gore dikopo tsa bone di kgone go tsibogelwa ka pela jaaka kopo madi e simolola ka Moranang a tlhola boroba bobedi. A re fa kopo madi e atlegile, mogwebi pele a ka fiwa madi, o tlaa tsenelela ituthuntso le ba LEA go ithuta maele le tsamaiso ya kgwebo.
Rre Thamane o supile fa madi a moikopedi a tlaa tsengwa mo account ya banka, Orange Money, SMEGA, POSO MONEY le MyZAKA go tswa mo go reng mogwebi o dirisa efe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : Tshimolodisa semmuso
Date : 07 Apr 2024