Batswana ba tlaa gokelelwa motlakase mahala
07 Apr 2024
Banni ba kgaolo ya Tswapong Bokone ba boleletswe fa puso e tsere tshwetso ya go gokelela Batswana motlakase mahala.
Mopalamete wa Lerala/Maunatlala e bile e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Setlhabelo Modukanele o buile jalo mo diphuthegong tse a tsweletseng a di buisa mo kgaolong ya gagwe.
O boleletse morafe gore go ne go gokelwa ka P5 000, ga busediwa kwa go P2 500 mme go lebega go santse go ketefalela Batswana ka bontsi.
A re jaanong puso e tsere tshwetso ya gore e gokelele batho motlakase mo malapeng mahala. Le fa go ntse jalo dikgwebo ga di akarediwe.
O ba boleletse gape ka lenaneo la Chema Chema, le lone a bolela fa e le maiteko a puso a go ba ntsha mo lehumeng.
Banni ba boletse fa ba itumetse mme ba eletsa gore go ka bo go simolola fela fa ba tsenya megala ya metlakase.
Mo dikakgelong, Mme Boitumelo Kazepo o ne a bolela fa mananeo a tla a le mantle, sebe sa phiri e le gore ga ba ise ba tlhaloganye Chema Chema sentle. O bolela fa go kile ga nna le lenaneo le go neng go twe le thusa bomme ka P100 000, mme bangwe ba palelwa ka gore ba ne ba tlhaela thuto.
Rre Keneilwe Zachariah o boletse fa ba emetse gore Chema Chema e bulelwe mme a ngongoregela gore ba ne ba palelwa ke CEDA go twe go thusiwa ba ba ‘kobo dikhutshwane.
Banni ba buile ka bogodu jwa leruo ba kopa gore lekalana la sepodisi la KgomoKhumo le tle mo metseng ya bone.
Kgosi Lenyeletse Kebuamotse o itumeletse gore motse wa Lesenepole o filwe koloi ya kgotla le ya mapodisi bosheng, a bolela fa selelo sa gagwe se arabilwe.
Kgosi Kebuamoste o boletse fa borukutlhi jwa go utswa dipodi tsa mananeo bo ile magoletsa, a bolela fa puso e senyegelwa e re e thusa batho.
O tlhalositse gape gore mo temong ba dule fela ka gore leruo le a ba senyetsa.
A re ba tshwenngwa gape ke dipolao tsa bomme tse di diragalang malatsi otlhe mme a kopa puso go re e tseele babolai dikgato tse di gagametseng. ENDs
Source : BOPA
Author : Ka Tshiamiso Mosetlha
Location : LESENEPOLE/MOREMI
Event : Kgotla meeting
Date : 07 Apr 2024