Bomme inaakanyeng le lenaneo
07 Apr 2024
Jaaka puso e tsweletse le go anamisa lenaneo la Chema Chema lefatshe ka bophara, bomme ba kgaolo ya Gabane/Mmankgodi ba kgothaditswe go amogela ka tsoo-pedi le go nwa moro gareng ga a mangwe lenaneo la Chema Chema, moono e le go simolodisa le go nonotsha dikgwebo go inamola mo lehumeng le letlhoko la ditiro.
Tona wa Gabane/Mmankgodi, Rre Kagiso Mmusi o ne a kgothatsa bomme ka Labotlhano kwa Gabane mo tirelong e e neng e tshwerwe ke ba ofisi ya mopalamente.
Tirelo eo e ne e kopantse bomme gotlhe le basha go arogana maele le go anywa dikitso mo go bomaitseanape ka go farologana ba itebagantse le go ikgodisa mo dikgatong tsa botshelo.
Tona a re bomme ke batho ba ba ka godisang itsholelo le bone ba kgona go itshetsa, mme ba tlhoka go tlhatlhelelwa dikitso tse di maleba, go fiwa monyetla le ditsompelo tse di maleba.
A re go ya pele bomme ba tshwanetse ba lemoga bomosola jwa go bopagana go nonotsha itsholelo le go tlhama dikgwebo ka go dira jalo go ka netefatsa tshwaragano e e ka ba imololang dikgwetlho tse di amang dikgwebo.
Tona o supile gape gore go atlega go tswa mo lenaneong go simologa ka phetolo dikakanyo le maitsholo mme motho a tseye tshwetso ya go tlhabolola botshelo jwa gagwe, “Chema Chema ka go itlhaloganya!”.
Mongwe Wa dibui, Mme Taboka Sendimba o kgadile batho ba ba tabogelang go anywa mo mananeong a puso go sena tebelopele le maikaelelo kana lenaneo le le tsepameng gore madi ao ba a tsaya go ya go araba bo fe botlhoki.
A re ‘Motswedi wa madi o lemogwa mo botlhoking,’ e le tsela nngwe ya go ka netefatsa gore motswedi wa gago wa madi o nna o elela ka go araba le go fitlhelela letlhoko mo tikologong e o tshelang mo go yone.
O ne a gatelela botlhokwa jwa go anywa kitso mo go ba ba maleba pele ga motho a ka simolola kgwebo, go netefatsa gore o ntsha maduo, dithuso le ditirelo tsa tlhwatlhwa go ya kwa baji-bareking.
A re mo kgwebong go botlhokwa go itse pharologanyo ya madi a letseno, madi a a tswang le one morokotso wa letsatsi go thusa go itse gore a mme kgwebo e a gola.
Mme Sendimba o ne a gakolola botlhe ba ba nang le keletso ya go nwa moro lenaneo la Chema Chema, segolo bogolo ba ba setseng ba na le dikgwebo go leba pele tlhaelo mo dikgwebo tsa bone mme ba tsee fela madi a a lekaneng go thiba tlhaelo eo kana go godisa kgwebo.
“Ga o patelesege go tsaya P50 000 otlhe e tloga e re kamoso a go ketefalele go a busa, tsaya mo go lekanetseng.”
Kgosi Regina Maotwe le ene o kgothaditse bomme go ema ka dinao go supa bokgoni jwa bone, a ba rotloetsa go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone le go tsenya letsogo mo go godiseng itsholelo ya lefatshe. ENDs
Source : BOPA
Author : Itumeleng Naane
Location : GABANE
Event : Kgotla meeting
Date : 07 Apr 2024