Breaking News

Tiriso ya diritibatsi e a tshwenya - Pule

07 Apr 2024

Tiriso ya diritibatsi e e tsweletseng ka go golela pele mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba e a tshwenya.

Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Mabuse Pule fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa Mmathubudukwane bosheng.

 Rre Pule, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae a re tiriso ya diritibatsi e digetse maduo a ditlhatlhobo kwa tlase fela thata.

O tlhalositse fa kgodiso ya ngwana go nna sebopiwa se se ka tsogang se eletsega mo setshabeng e tlhokana le tshwaragano ya botsadi, puso le botlhe ba ba amegang.

A re go botlhokwa gore batsadi ba kgalemele ngwana mongwe le mongwe o ba mmonang a sa dire sentle mo motseng go sa kgathalesege gore a ba itse ngwana wa go nna jalo.

“A re boeleng kwa ngwaong ya gore ngwana ke wa motsadi mongwe le mongwe, e seka ya re o bona ngwana yo o sa mo itseng a dira tse di maswe o bo o sa kgaleme. Fa re ka dira jaana rotlhe, re ka fenya ntwa kgatlhanong le tiriso ya diritibatsi,” Pule a tlhalosa. 

A re puso e dirisa madi a mantsi go tlamela bana ba ba amilweng ke tiriso ya diritibatsi ka jalo go le botlhokwa gore batsadi ba nne le seabe mo go kganeleng bana go itaola go imolola puso morwalo.

Fa a lekodisa banni ka tse di builweng kwa Palamenteng, Rre Pule o ne a tlhalosa fa go fetisitswe molao wa  go  gokelela Batswana ba ba tlhokang kgotsa ba letseno le lle kwa tlase P2 500 motlakase wa mahala.

A re se, ke maitlamo mangwe a puso go netefatsa gore ope ga a salele kwa morago go bona ditlhabololo.

Rre Pule a re pusoo e simolodisitse  lenaneo la Chema Chema le le itebagantseng le go thusa bagwebi ba ba botlana ka madi go nonotsha dikgwebo tsa bone, mme a rotloetsa ba dikgwebo le ba ba eletsang go tsena mo go tsone go inaakanya le lenaneo le go iketsha mo lehumeng le letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.

A re puso e ntshitse setlhopha sa badirelapuso go dira ditshekatsheko mabapi le leuba la monongwaga gore batho segolo bogolo barui ba ka thusiwa jang go ba imolola manokonoko a leuba.

Kgosi Thari Balebetse wa Mmathubudukwane o supile fa boitshwaro jwa bana segolo bogolo ba dikole tsa metse ya dinoka jaaka o tlwaelesegile bo dule mo taolong.

Kgosi Balebetse o tlhalositse fa go swabisa nko go feta molomo go bo batsadi ba le maoto a tshupa go kgalemela bana fa ba ba bona ba dira tse di duleng mo tseleng.

O tsweletse a re batsadi ba rekisetsa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga dinotagi le diritabatsi go na le gore ba ba sireletse kgatlhanong le tsone. A re se se folodisa maiteko a puso a go sireletsa ngwana mo kgodisong e e sa siamang.

O kopile banni go emisa mokgwa wa go tlhotlhela bojalwa mo malwapeng ka gore ba feletsa ba dira maitshwaro a a sa nnang sentle mo pele ga bana mme morago go ame kgodiso ya bone.

“A re sekang ra iteba re le nosi re itse gore thekiso ya majalwa e e dirwang mo malwapeng e ama bana ba rona le ba re bapileng le bone fela thata,” ga bua jalo Kgosi.

Kgosi Balebetse a re go botlhokwa gore batsadi ba rulaganye phuthego go tswa ka methale e e botoka ya go tsenya bana mo tseleng go kopantswe le baitse ba melao gore ditshwanelo tsa bana di seka tsa gatakwa.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e okametseng ditlhabololo tsa motse oo, mme Juliah Pilane o ne a lebogela ditlhabololo di tshwana le kgokelelo ya motlakase, tsela e e tlaa dirwang ya Modipane-Mabalane gammogo le kgokelelelo ya maranyane.  

O kopile mopalamente go ba thusa go lwantsha kgang ya gore ditsha tse di masome a mabedi tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa bone di bone ditlankana gore batle ba kgone go itirela letseno ka ditsha tsa go nna jaana. ENDs

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : MMATHUBUDIKWANE

Event : kgotla meeting

Date : 07 Apr 2024