Breaking News

Ba Tsabong ba epetswe sediba

04 Apr 2024

Selelo sa banni ba Tsabong sa lenyora se arabilwe ka ba gokeletswe sediba se se tlaa tlang go rarabolola letlhoko la metsi a loruo.  Ba tswa kgakala go sena kwa ba ka nosang loruo teng.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke komiti go tla go ba rololela dikgang tse di molemo tseo ka Laboraro, mothusa modulasetilo wa komiti ya Tsabong Mokala Community Borehole, Rre Segomotso Ntau o ne a tlhalosa fa kepo e ya sediba e simolotse ka 2021.

Rre Ntau o ne a tlhalosa fa ba ne ba kopa setsha mo lekgotleng la kabo ditsha kwa ba gogelang teng metsi, ba tsere sebaka go thusiwa mme morago ba lekgotla la kabo ditsha ba ne ba lopa P5 500 a kgogo ya metsi, jalo ba thusiwa ke komiti ya ditlhabololo ya bophirima ka madi ao.

O ne a tlhalosa fa komiti e ne ya kopana le ba ofisi ya matlhoko a loruo go kopa dithuso tsa go gokelelwa sediba.

Mogolwane go tswa mo ofising ya matlhoko a loruo, Mme Nancy Mmereki a re morago ga dipuisano tse di tsereng lobaka lo loleele le puso ba Mokala Borehole Syndicate ba ne ba thusiwa ka lenaneo la LIMID go gokelelwa sediba ka P491 597.

Mme Mmereki o ne a tlhalosa fa madi ao a tlaa reka didirisiwa tse di tlhokafalang le gone go duela Rakontereka fa morafe one o tlaa ithaopa go bula tsela go ya kwa go tlaa nosediwang teng le go epa moesele wa diphaepe.

O ne a gakolola morafe wa Tsabong go tshwaragana gore tiro eo e tle e atlege a bo a ba kgothatsa, a supa fa ‘letsema le le thata ka mong wa lone’.

Fa a tswa la gagwe, mong wa konteraka, Rre Blessing Nyaruata o ne a supa fa ba tlaa tlhomamisa gore ba reka didirisiwa tsa boleng jo bo kwa godimo tse di sa senyegeng motlhofo.

O ne a supa fa maikaelelo e le go reka dingwe tse ba di tlhokang mo bagwebing ba ba botlana mo kgaolong eo go leka go tsholetsa dikgwebo tsa bone di akaretsa motlhaba, mmu o o lokgarapana, konkoreiti, ditena le gore ba tlaa tlhoka badiri ba nakwana ba le bane, moagi, moapei le boroko jwa badiri e le ene a duelang.

Mongwe wa barui, Mme Reginah Mosweu o ne a iteela puso legofi ka go gokelela barui sediba, a supa fa jaanong ba tlaa kgona go phuthologa le gore loruo lwa bone lo tlaa ata, a supa fa gape loruo lo lo neng lo saila mo motseng lo senyetsa batho jaanong lo tlaa faphega.

Mokhanselara wa Tsabong Botlhaba, Rre Peter Megano o ne a galaletsa ba-na-le seabe ba akaretsa kgosi David Toto ll ka kemonokeng le dikgakololo, ba lekgotla la kabo ditsha, ba lephata la matlhoko a loruo, morafe le ba lephata la metsi, a supa fa ba ne ba dira ka gotlhe go tlhomamisa gore ba senkela morafe sediba.

Rre Megano a re e re le ntswa go le pele a ne a romilwe ke ba kgaolwana ya gagwe go ba kopela sediba se se leng dikhilommethara di lesome le boferabobedi go tswa mo Tsabong, o itumedisiwa ke gore kwa bofelong ba ne ba dumalana gore ke sa morafe wa Tsabong, a tlatsa ka go kopa komiti go tshwaragana go thusa mo tsamaisong e e lolamemg ya sediba. ENDS

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : POTSOLOTSO

Date : 04 Apr 2024